YouVersion Logo
Search Icon

HAGAI 1

1
Taolo ya ga Jehofa ya go tsosolosa tempele
1 E rile ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario kgosi, ka kgwedi ya borataro, ka letsatsi la ntlha la kgwedi, lefoko la ga Jehofa la tla ka Hagai moperofeti kwa go Serubabele morwa Shealetiele, molaodi wa Juta, le kwa go Jošua morwa Jehosatake moperesiti yo mogolo, la re:
2Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “Tšhaba e, ya re: ‘Ga se lobaka lwa rona go tla, ga se lobaka lwa ntlo ya ga Jehofa go agiwa.’ ” 3Foo ga tla lefoko la ga Jehofa, la tla ka Hagai moperofeti, la re: 4“A ke lobaka mo go lona ka losi lwa go aga mo mantlong a a khurumeditsweng kwa godimo ka dimati, mme ntlo e yone, e kgakgabetse fela? 5Ke gone jaana,” go bua Jehofa wa masomosomo jaana, a re: “Gopolang mekgwa ya lona. 6Lo jadile segolo; mme lo rora bobotlana; lo a ja, mme ga lo kgore; lo a nwa, mme ga lo kgore go nwa; lo a ikapesa, mme ga go na ope yo o thuthafetseng; le yo o bapalang tuelo o e bapalela go tla a e tsenya mo kgetseng e e maroba fela.” 7Go bua jaana Jehofa wa masomosomo, a re: “Gopolang mekgwa ya lona. 8Palamelang kwa thabeng, lo lere dikgong, lo age ntlo; mme ke tlaa ja monate ka ga yone, ke tlaa galalediwa, go bua Jehofa.
9“Lo ne lo lebeletse go le go tona, mme bonang, ga fela go le go botlana; e rile lo go lere gae, ka go budulela. Ka ntlha yang?” Go bua Jehofa wa masomosomo. “Ka ntlha ya ntlo ya me e e kgakgabetseng, ka mongwe le mongwe wa lona a tabogela kwa ntlong ya gagwe fela. 10Ke gone ka ntlha ya lona, legodimo le kganetswe, mo go useng monyo, le lefatshe le kganetswe mo go ungweng ga lone. 11Ka bitsa leuba la tla mo lefatsheng mo dithabeng, mo mabeleng, mo bojalweng jwa mofine, mo lookwaneng, mo go se lefatshe le se ungwang, mo bathong, mo dikgomong le mo tirong yotlhe ya diatla.”
Batho ba obamela lefoko la Modimo
12Foo Serubabele morwa Sealetiele, le Jošua morwa Jehosatake moperesiti yo mogolo, ba na le masalela otlhe a batho, ba utlwa lentswe la ga Jehofa Modimo wa bone, le mafoko a ga Hagai moperofeti, jaaka Jehofa Modimo wa bone a ne a mo romile; mme batho ba boifa fa pele ga Jehofa. 13Foo ga bua Hagai morongwi wa ga Jehofa ka molaetso wa ga Jehofa mo bathong, a re: “Ke na le lona,” go bua Jehofa. 14Mme Jehofa a tlhotlheletsa mowa wa ga Serubabele morwa Shealetiele, molaodi wa Juta, le mowa wa ga Jošua morwa Jehosatake moperesiti yo mogolo, le mowa wa masalela otlhe a batho; mme ba tla ba dira mo ntlong ya ga Jehofa wa masomosomo, Modimo wa bone, 15ka letsatsi la 24, ka kgwedi ya borataro, ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario kgosi.

Currently Selected:

HAGAI 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy