YouVersion Logo
Search Icon

ESERA 10

10
Maikaelelo a go emisa nyalano le Baditšhaba
1Jaana ya re Esera a sa ntse a rapela, a dira boipolelo, a lela, a itatlhela fa fatshe fa pele ga ntlo ya Modimo, ga bo go phuthegetse kwa go ene phuthego e kgolo thata ya banna le basadi le banyana ba ba tswang mo Iseraele; gonne batho ba lela mo go botlhoko. 2Mme Shekania morwa Jehiele, mongwe wa bomorwa Elame, a fetola a raya Esera a re: “Re leofetse Modimo wa rona, re nyetse basadi ba seeng ba ditšhaba tsa lefatshe; le fa go ntse jalo jaana go na le tsholofelo ka ga Iseraele ka ga selo se. 3Ke gone jaana, ra re: A re direng kgolagano le Modimo wa rona ya go tlhala basadi bao botlhe, le botlhe ba ba tsetsweng ke bone, ka fa kgakololong ya morena wa me, le ya ba ba roromelang taolo ya Modimo wa rona; mme a go dirwe ka fa molaong. 4Nanoga; gonne ke tiro ya gago, mme le rona re na nao; nametsega, mme o go dire.”
5Foo Esera a nanoga, a ikanisa ditlhogo tsa baperesiti, le Balefi, le Baiseraele botlhe, go re, ba tlaa dira ka fa lefokong le. Jalo ba ikana. 6Foo Esera a nanoga fa pele ga ntlo ya Modimo, a tsena mo ntlwaneng ya ga Johanane morwa Eliašibe; ya re a fitlha gone a se ka a ja dijo, le fa e le go nwa metsi; gonne o ne a hutsafaletse tlolo ya bone ba botshwaro.
7Mme ba opa mokgosi mo lefatsheng lotlhe la Juta le Jerusalema mo baneng botlhe ba botshwaro, gore ba phuthegele kwa Jerusalema; 8le go re le fa e le mang yo o sa tleng malatsi a le mararo a ise a fete, ka fa kgakololong ya dikgosana le bagolwane, dilo tsa gagwe tsotlhe o tlaa di thukhuthwa, le ene a kgaolwa mo phuthegong ya ba botshwaro. 9Foo banna botlhe ba Juta le Benjamine ba phuthegela kwa Jerusalema mo malatsing a mararo; e le kgwedi ya bofera o le mongwe, le letsatsi la 20 la kgwedi, mme batho botlhe ba dula mo felong fa go atlhameng fa pele ga ntlo ya Modimo, ba roroma ka ntlha ya selo se, le ka ntlha ya pula e tona.
10Esera moperesiti a ema a ba raya a re: “Lo tlodile, lo nyetse basadi ba seeng go tla lo totisa molato wa Baiseraele. 11Ke gone jaana dirang boipolelo mo go Jehofa Modimo wa borraeno lo bo lo dire go rata ga gagwe; lo ikgaoganye le ditšhaba tsa lefatshe, le bone basadi ba seeng.”
12Foo phuthego yotlhe ya mo fetola, ya bua ka lentswe le le tsholetsegileng ya re: “Jaaka o buile ka ga rona, re na le go dira fela jalo. 13Batho re bantsi e bile ke lobaka lwa pula e kgolo, ga re a nonofa go ema kwa ntle, le gone tiro ga se ya letsatsi le le lengwe fela kgotsa ya a le mabedi; gonne re tlodile thata mo selong se. 14A dikgosana tsa rona di tlhomelwe phuthego yotlhe jaana, mme a botlhe ba ba mo metseng ya rona, ba ba nyetseng basadi ba seeng, ba tle ka dipaka tse di tlaa tlhongwang, bagolwane ba motse mongwe le mongwe ba na nabo, le baatlhodi ba teng, go tsamaya bogale jo bo tukang jwa Modimo wa rona bo busiwe mo go rona, go tsamaye tiro e e fele.” 15Jonathane morwa Asahele le Jahaseia morwa Tikefa ya nna bone bosi ba ba emeng ba gana selo se: Mešulame le Shabethai wa Molefi ba ba thusa.
16Bana ba botshwaro ba dira jalo. Esera moperesiti a na le bangwe ba ditlhogo tsa makgotla a borara, ka fa makgotleng a borra ba bone, mme botlhe ba lomololwa ka maina a bone; mme ba dula ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya lesome, go tla ba sekaseka selo se. 17Ka ga banna botlhe ba ba nyetseng basadi ba seeng, e rile go tla letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha ba bo ba weditse.
Maina a ba ba nyetseng basadi ba Baditšhaba
18Mo go bomorwa baperesiti ga fitlhelwa bangwe ba ba nyetseng basadi ba seeng, e bong mo go bomorwa Ješua morwa Josatake le bomonnawe, Maaseia, le Eliesere, le Jaribe, le Getalia. 19Mme ba ikwala gore ba tlaa tlhala basadi ba bone; mme e re ka ba le molato ba isa phelefu ya letsomane tshupelelo ya molato wa bone.
20Ba bomorwa Imere: Hanani le Shebedia.
21Bo bomorwa Harime: Maaseia le Elija, le Shemaia, le Jehiele, le Usia.
22Ba bomorwa Pašure: Elioenai, Maaseia, Išemaele, Nathanaele, Josabate le Elasa. 23Le ba Balefi: Josabate, Shimei, Kelaia (ke ene Kelita), Pethahia, Juta le Eliesere. 24Wa baopedi: Eliašibe, le ba balebedi ba kgoro: Shalume, Teleme le Uri. 25Baiseraele, ba bomorwa Paroše: Ramia, Isia, Malekia, Mijamine, Eleasare, Malekia le Benaia.
26Ba bomorwa Elame: Matania, Sekaria, Jehiele, Abadi, Jeremothe le Elija.
27Ba bomorwa Satu: Elioenai, Eliašibe, Matania, Jeremothe, Sabate le Asise.
28Ba bomorwa Bebai: Johanane, Hanania, Sabai, Athelai.
29Ba bomorwa Bani: Mešulame, Maluke, le Ataia, Jašube, Sheale le Jeremothe.
30Ba bomorwa Pahathe-moabe: Atena, Kelale, Benaia, Maaseia, Matania, Besalele, Binui le Manase.
31Ba bomorwa Harime: Eliesere, Isia, Malekia, Shemaia, Shimeone, 32Benjamine, Maluke, Shemaria.
33Ba bomorwa Hašume: Matenai, Matata, Sabate, Elifelete, Jeremai, Manase, Shimei.
34Ba bomorwa Bani: Maatai, Amerame, le Uele; 35Benaia, Beteia, Keluhi; 36Fania, Meremothe, Eliašibe; 37Matania, Matenai le Jaasu; 38le Bani, Binui, Shimei; 39le Shelemia, Nathane le Ataia; 40Makenatebai, Shašai, Sharai; 41Asarele, le Shelemia, Shemaria; 42Shalume, Amaria, Josefe.
43Ba bomorwa Nebo: Jeiele, Matithia, Sabate, Sebine, Ito le Joele, Benaia.
44Bao botlhe ba ne ba nyetse basadi ba seeng; bangwe ba bone ba na le basadi ba ba bonyeng bana nabo.

Currently Selected:

ESERA 10: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy