YouVersion Logo
Search Icon

BAEFESO 6

6
Bana le batsadi ba bone
1 Bana, utlwang batsadi ba lona mo Moreneng, gonne mo, go siame. 2 Tlotla rraago le mmaago – e e leng yone taolo ya ntlha e e nang le polelo ya tsholofetso – 3gore go tle go nne molemo mo go wena, le gore o tshele ka boleele mo lefatsheng.
4 Le lona borrabana, lo se ka lwa rumola bana ba lona go ba gakatsa; mme lo ba godisetse mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.
Batlhanka le beng ba bone
5 Batlhanka, lo nne kutlo mo go ba e leng beng ba lona ka fa nameng, ka poifo le thoromo, ka bongwefela jwa pelo tsa lona, jaaka e ka bo e le mo go Keresete; 6e seng ka mokgwa wa go mmona matlho, jaaka bakgatlhi ba batho; e nne jaaka batlhanka ba ga Keresete, ka go dira go rata ga Modimo, e seng batho. 7Go dira ka pelontle, jaaka e ka bo e le go direla Modimo, e seng batho; 8ka go itse fa se se molemo le fa e ka bo e le eng se mongwe le mongwe o se dirang, o tlaa ba a amogela sone fela mo Moreneng, le fa a le motlhanka kgotsa ngwana wa motse.
9 Le lona beng ba batho, lo ba direle tsone dilo tseo fela, lo lese go bopa, ka go itse fa mong wa bone le wa lona a le kwa legodimong, go se na tlhaolo epe ya batho mo go ene.
Diaparo tsa phemelo tsa Modimo
10Sa bofelo, lo nonofale mo Moreneng, le mo thateng ya nonofo ya gagwe. 11Aparang diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo, gore lo tle lo itse go ganela le maano a boferefere a diabolo. 12Gonne ga re lwe le nama le madi, mme re lwa le magosana, le bathata, le babusi ba lefatshe le le lefifi le, le masomosomo a mewa ya boikepo mo mannong a selegodimo. 13Ke gone, lo tseyeng dibolao tsotlhe tsa Modimo, gore lo itse go ema mo motlheng wa bosula, le gore, lo sena go dira gotlhe, lo bo lo ntse lo eme.
14 Ke gone, lo emeng lo itlamile mo dithekeng ka boammaaruri, lo bile lo apere letlatla la tshiamo la sehuba. 15 Le mo dinaong lo bo lo rwele iketleetso ya Mafoko a a Molemo a kagiso. 16Le mo godimo ga tsotlhe lo bo lo tseye thebe ya tumelo e e leng yone lo tlaa itseng go tima metswi yotlhe e e molelo ya yo o bosula ka yone. 17 Lo tseye tlhoro ya phemelo ya poloko, le tšhaka ya Mowa, e e leng lefoko la Modimo; 18lo ntse lo rapela ka metlha yotlhe mo Moweng, ka thapelo yotlhe le kokotlelo, lo ntse lo nnetse gone ka botswelelo pele jotlhe, lo ntse lo kokotlelela baitshepi botlhe, 19le nna, gore e tle e re ke tswa molomo, ke be ke newe puo ya go utlwatsa bosaitsiweng jwa Mafoko a a Molemo ka botlhoka poifo; 20a ke leng morongwa yo ke mo diketaneng ka ntlha ya one; gore ke bue mo go one ka botlhoka poifo, jaaka ke tshwanetse go bua.
Ditumediso tsa bofelo
21 Tukiko, mokaulengwe yo o rategang, le modiredi yo o boikanngo mo Moreneng o tlaa lo itsise dilo tsotlhe, gore le lona lo itse go tshela ga me ka fa go ntseng ka teng. 22Ke mo romile koo go lona ka ntlha ya gone moo, gore lo itse ka fa ke ntseng ka teng, le gore a gomotse dipelo tsa lona.
23A kagiso e nne le bakaulengwe, le lorato lo na le tumelo, tse di tswang mo Modimong Rara, le mo go Morena Jesu Keresete. 24A tshegofatso e nne le botlhe ba ba ratang Morena wa rona Jesu Keresete ka mo go sa boleng.

Currently Selected:

BAEFESO 6: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy