YouVersion Logo
Search Icon

MORERI 12

12
1O bo o gakologelwe Mmopi wa gago mo metlheng ya bokau jwa gago, metlha ya bosula e ise e be e tle, le dinyaga di ise di atamele, motlhang o tlaa buang, o re: “Ga ke na kgatlhego mo go tsone;” 2letsatsi le ise le be le nne lefifi, le lesedi, le ngwedi, le dinaledi, le maru a ise a boe morago ga pula; 3mo tsatsing le badisa ba ntlo ba tlaa tlakaselang ka lone, le banna ba ba thata ba ikoba, le ba ba silang ba khutla ka ba le babotlana, le ba ba lebang ka diiponi ba otofadiwa; 4le mejako e tswalwa mo mebileng; mogang modumo wa go sila o kokobetseng, le motho a nanoga ka go lela ga nonyane, le barweetsana botlhe ba pina ba kokobediwa. 5Ee, ba tlaa boifa se se godimo, le ditherego di tlaa bo di le mo tseleng; le setlhare sa thamane se tlaa thunya, le tsiane e nna mokgweleo le keletso e tlhaela; gonne motho o ya gaeng la gagwe le le sa khutleng, le baleledi ba tsamayatsamaya mo mebileng. 6Mogala wa selefera o ise o bo o hunologe, le mogotšana wa gouta o ise o thubege, le nkgwana e ise e thubege kwa motsweding, le segeledi se ise se thubege kwa sedibeng; 7mme lorole lwa boela mmung jaaka lo ne lo ntse, le mowa wa boela Modimong o o o abileng. 8Boithamako jwa maithamako, go bua Moreri; gotlhe ke boithamako fela.
Mafoko a pheletso
9Gape, e re ka Moreri a ne a le botlhale, a fela a ruta batho kitso; ee, o ne a akanya, a batla, mme a rulaganya diane di le dintsi. 10Moreri a leka go lemoga mafoko a a lebosegang, le sone se se kwadilweng ka thokgamo, e bong mafoko a boammaaruri. 11Mafoko a ba ba botlhale a ntse jaaka ditlhabi, le jaaka dimapo tse di kokothegetseng sentle; mafoko a beng ba diphuthego a ntse jalo, a a ntshitsweng ke modisa a le mongwe fela.
12Gape morwaaka, o ineele go gakololwa; ga go na bokhutlo jwa go dira dikwalo di le dintsi, le go akanya mo gogolo ke letsapa mo nameng.
13Bokhutlo jwa mafoko ke jo; go utlwilwe gotlhe: Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho. 14Gonne Modimo o tlaa isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, le sengwe le sengwe se se subegileng, le fa se le molemo kgotsa se le bosula.

Currently Selected:

MORERI 12: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy