DUTERONOME 14
14
Mokgwa o o ilwang wa go lelela baswi
1 “Lo bana ba ga Jehofa Modimo wa lona; lo se ka lwa itshega mmele, le fa e le go ipeolela baswi fa gare ga phatla. 2 Gonne o sešaba se se itshepileng sa ga Jehofa Modimo wa gago, Jehofa o go itshenketse gore o nne sešaba sa gagwe sa boswabotshwerwe, go feta ditšhaba tsotlhe tse di mo lefatsheng.
Ditshedi tse di itshekileng le tse di sa itshekang
(Lef 11:1-47)
3“O se ka wa ja sepe se se moila. 4Ditshedi tse lo ka di jang ke tse: Kgomo, nku, podi, 5kwalata, le tshephe, le tholo, le mhele, le phala, le kukama le mokabawane. 6Le setshedi sengwe le sengwe mo ditsheding, se se patologanyang tlhako, se tlhako ya sone e maphata, mme se otla, lo ka se ja. 7Le fa go ntse jalo, mo go tse di otlang lo se ka lwa ja tse, le mo go tse di fatogileng tlhako: E bong kamela, mmutla le pela, gonne dilo tseo dia otla, mme ga di patologanye tlhako, di lo itshekologetse; 8le kolobe e lo itshekologetse, gonne e patologanye tlhako, mme ga e otle; lo se ka lwa ja nama ya tsone, le gone lo se ka lwa ama setoto sa tsone.
9“Mo go tse di nnang mo metsing lo ka ja tse: Le fa e le eng se se nang le diphuka le makape lo ka se ja. 10Mme le fa e le eng se se nang diphuka le makape lo se ka lwa se ja; se lo itshekologetse.
11“Lo ka ja dinonyane tsotlhe tse di itshekileng. 12Tse ke tsone tse lo sa kakeng lwa di ja: Ntswi yo motona, kgonyaitlhwe, le kgwadire; 13le nkgwedi, le malelakokwane, le phakalane ka fa losikeng lwa yone; 14le magakabe otlhe ka fa losikeng lwa one. 15Ntšhe, le lerololwane, le dinong tsa lewatle le le segodi ka fa losikeng lwa sone; 16le morubisana, le morubisi le makgotlwe; 17le kukara, lenong, le timeletswane; 18le lewang, le kokolohute ka fa losikeng lwa yone, le letheetšane, le mmamathwane.
19“Dilo tsotlhe tse di diphuka, mme di gagaba, di lo itshekologetse, a di se jewe. 20Lo ka ja dinonyane tsotlhe tse di itshekileng.
21 “Lo se ka lwa ja sepe se se suleng fela; o ka se naya moeng yo o mo teng ga dikgoro tsa gago, gore a se je; kgotsa o ka se rekisa mo mothong wa tšhaba e sele; gonne wena o sešaba se se itshepetseng Jehofa Modimo wa gago. O se ka wa tlhadia potsane ka maši a mmaayo.
Molao wa karolo ya bolesome
22 “Ruri o tlaa ntsha sa bosome sa totafalo ya peo ya gago, e e tswang mo masimong ka ngwaga le ngwaga. 23O jele fa pele ga Jehofa Modimo wa gago sa bosome sa mabele a gago, le sa bojalwa jwa gago jwa mofine, le sa lookwane lwa gago, le tsa maitibolo a matlhape a gago le matsomane a gago, o di jele mo felong fa o tlaa go itshenkelang go baya leina la gagwe gone; gore o tle o ithute go boifa Jehofa Modimo wa gago ka metlha yotlhe. 24Fa tsela e le telele bobe mo go wena, mme o retelelwa ke go di isa, ka ntlha ya gonne go le kgakala bobe kwa Jehofa Modimo wa gago o go itshenkelang go baya leina la gagwe gone, mogang Jehofa Modimo wa gago o go segofatsang, 25foo o di fetole madi, mme o a tseye a bofeletswe, o ye kwa Jehofa Modimo wa gago o tlaa go itshenkelang. 26Madi ao o a ntshetse se mowa wa gago o se eletseng, a dikgomo, kgotsa dinku, kgotsa bojalwa jwa mofine, kgotsa bojalwa jo bo loileng, kgotsa sengwe fela se mowa wa gago o se lopang mo go wena; o jele gone fa pele ga Jehofa Modimo wa gago, mme o itumele, wena le bantlo ya gago.
27“Molefi yo o mo teng ga dikgoro tsa gago, o se ka wa mo latlha; ka gonne ga a na kabelo le fa e le boswa nao. 28E re go fetile dinyaga dingwe di le tharo, o ntshe sa bosome sa totafalo ya gago ya ngwaga oo, mme o se beye mo teng ga dikgoro tsa gago; 29mme Molefi, ka a se na kabelo le fa e le boswa nao, le moeng, le lesiela, le mosadi wa motlholagadi, ba ba mo teng ga dikgoro tsa gago, ba tlaa tla, ba ja ba kgora; gore Jehofa Modimo wa gago a go segofatse mo tirong yotlhe ya seatla sa gago, e o e dirang.
Currently Selected:
DUTERONOME 14: TSW08NO
Highlight
Copy
Compare
Share
Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.