YouVersion Logo
Search Icon

II PETERE 3

3
Tsholofetso ya go tla ga Morena
1Baratwa, lo ke lokwalo lwa bobedi lo ke lo lo kwalelang; mme mo go tsone tsoo pedi ke ntse ke tlhagafatsa dipelo tse di phepa tsa lona ka go lo gopodisa; 2gore lo gakologelwe mafoko a a builweng gale ke baperofeti ba ba boitshepo, le taolo ya Morena le Mmoloki, e lo e neilweng ka baaposetole ba lona. 3 Lo ntse lo itse mo pele, gore mo metlheng ya bofelo basotli ba tlaa tla ka tshotlo, ba tsamaya ka fa dithatong tsa bone. 4Ba re: “Polelo ya tsholofetso ya go tla ga gagwe e kae? Gonne e sa le ka borara ba robala, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka di ntse, di ntse le mo tshimologong ya popo.” 5 Gonne mo ba go lebala ka bomo, gore gale bogologolo go ne go le magodimo, le lefatshe le golokilwe le kwetogile mo metsing, le bile le eme mo gare ga metsi, e le ka lentswe la Modimo. 6 Mme ya nna one a lefatshe la jale le senyegileng ka one, ka le penologelwa ke metsi. 7Magodimo a gompieno a beetswe molelo le lefatshe, e ntse e le ka lone lentswe leo, ka a letisiwa letsatsi la tshekiso le la tshenyego ya baikepi.
8 Baratwa, lo se ka lwa lebala selo se le sengwe ke se, gore letsatsi le le lengwe fela mo Moreneng le ntse jaaka dinyaga di le 1 000, le dinyaga di 1 000 di ntse jaaka letsatsi le le lengwe fela. 9Morena ga a bonya ka ga polelo ya gagwe ya tsholofetso, jaaka bangwe ba tle ba kaye bonya; mme o pelotelele mo go lona, a sa rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong.
10 Mme letsatsi la Morena le tlaa tla jaaka legodu; mme mo go lone magodimo a tlaa nyerega ka mogote o o tukang, le lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tlaa lailwa ke molelo. 11Mme e re ka jaana dilo tse tsotlhe di nnetse go nyerega, ana lona lo tshwanetse lwa bo lo le batho ba ba ntseng jang, mo go tsheleng gotlhe ka boitshepo le ka poifo Modimo, 12lo ntse lo lebeletse, lo bile lo tlhologeletswe go tla ga letsatsi la Modimo, le e leng lone magodimo ka a a ša a tlaa nyeregang ka lone, le dipopo tsa magodimo di tlaa tlhapologa ka mogote o o tukang? 13 Mme, rona, ka fa polelong ya one ya tsholofetso, re lebeletse magodimo a maša, le lefatshe le leša, a go tlaa agang tshiamo mo go one.
14Ke gone baratwa, e re ka lo lebeletse dilo tse, lo tlhoafaleleng gore lo tle lo fitlhelwe lo le mo kagisong lo se na selabe, lo se na molato mo matlhong a one. 15Lo kaye gore bopelotelele jwa Morena ke poloka; fela jaaka le ene Paulo mokaulengwe yo o rategang a lo kwaletse, ka fa botlhaleng jo o bo neilweng; 16le jaaka a kwadile mo dikwalong tsotlhe tsa gagwe, a bua ka ga dilo tse mo go tsone; mo go nang le dilo dingwe gone tse di thata go tlhaloganngwa, tse ba ba se nang kitso le ba ba akgaakgegang ba di sokamisang, jaaka ba dira ka dikwalo tse dingwe, ba ba ba itshenya ka teng.
17Ke gone lona baratwa, ka lo itsile dilo tse gale, lo itise, e se re kgotsa lwa katogana le tlhomamo ya lona ka go utswiwa dipelo ke timelo ya baikepi. 18Mme golang mo tshegofatsong le mo kitsong ya Morena wa rona le Mmoloki Jesu Keresete. A kgalalelo e nne go ene, jaanong le ka bosakhutleng. Amen.

Currently Selected:

II PETERE 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy