YouVersion Logo
Search Icon

2 BAKORINTHE 13

13
Ditlhagiso tsa bofelo le ditumediso
1 Gompieno ke ya koo go lona lwa boraro. Mafoko otlhe a tlaa tlhomamisiwa ka molomo wa basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo. 2Ke buile gale, mme ke sa ntse ke bua go sa le gale, jaaka ke buile jale ke ile koo lwa bobedi; le gompieno, ke seyo, ke bua fela jalo le ba ba leofileng gale, le ba bangwe botlhe, ka re, fa ke fitlha gape, ga nketla ke ba rekegela; 3ka e le fa lo batla tlhomamiso ya ga Keresete yo o buang mo go nna; ene yo o seng bokoa ntlheng ya lona, a le thata mo go lona. 4Gonne o ne a bapolwa a le bokoa, le fa go ntse jalo o tshedile ka nonofo ya Modimo. Gonne le rona re bokoa re le mo go ene, mme re tlaa tshela nae ka nonofo ya Modimo e e ntlheng ya lona.
5Itekeng ka losi bo lo mo tumelong; itlhotlhomiseng ruri. Kgotsa a ga lo ikitse fa Jesu Keresete a le mo go lona? Ke raya fa lo se batlhobogwi. 6Ke a solofela gore lo tlaa itse fa rona re se batlhobogwi. 7Jaana re rapela Modimo gore lo se dire bosula bope; e seng gore rona re tle re nne e kete re a lebosega, mme e le gore lona lo dire se se tlotlegang, le fa rona re ka bo re le batlhobogwi. 8Gonne ga re ka ke ra dira sepe go tlhabana le boammaaruri, fa e se go emela boammaaruri fela. 9Gonne e a tle e re re le bokoa, mme lona lo le thata, re itumele. Le sone se re tle re se lope ka thapelo, e bong go itekanediwa ga lona. 10Mme dilo tse ke a di kwala ke seyo ka ntlha ya gone moo, gore e tle e re fa ke le koo, ke bo ke sa dire ka thata, ka fa taolong e Morena o e nneetseng go tla ke aga ka yone, e seng go rutlolola.
11Sa bofelo, bagaetsho, dumelang. Lo itekanediwe; lo gomodiwe; lo nne pelo nngwe fela; tshelang mo kagisong; mme Modimo wa lorato le kagiso o tlaa nna le lona.
12Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo.
13Baitshepi botlhe ba a lo dumedisa.
14A tshegofatso ya Morena Jesu Keresete, le lorato lwa Modimo, le kabalano ya Mowa o o Boitshepo, di nne le lona lotlhe.

Currently Selected:

2 BAKORINTHE 13: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy