YouVersion Logo
Search Icon

1 BATHESALONIKA 5

5
Iketleeletseng go tla ga Morena
1Ka ga metlha le dipaka, bagaetsho, ga go batlwe gore lo ka kwalelwa sengwe. 2 Gonne le lona ka losi lo itse sentle fa letsatsi la Morena le tlaa tla fela jaaka legodu bosigo. 3E tle e re ba ntse ba re: “Kagiso le thagamo,” foo tshenyego ya tshoganetso e ba wele, jaaka pelegi e tle e tlele mosadi yo o moimana; mme ga ba ketla ba falola gope. 4Mme lona bagaetsho, ga lo mo lefifing, fa letsatsi leo le ne le ka lo fitlhela jaaka legodu; 5gonne lona lotlhe lo bana ba lesedi, lo bana ba motshegare; ga re ba bosigo le fa e le ba lefifi. 6Jalo a re se robaleng, jaaka ba bangwe ba tle ba dire, a re lebeleleng, re nneng boitekanelo. 7Gonne ba ba robalang ba tle ba robale bosigo; le ba ba tagwang ba tle ba tagwe bosigo. 8 Mme rona, ka re le ba motshegare, a re nneng boitekanelo, re apere letlatla la sehuba la tumelo le lorato; mme a tsholofelo ya poloka e nne yone tlhoro ya phemelo. 9Gonne Modimo ga o a re laolela bogale, fa e se gore re bone poloko ka Morena wa rona Jesu Keresete. 10Yo o re swetseng gore le fa re sa ntse re itisitse, le fa re robetse re be re tshela mmogo nae. 11Ke gone, laanang, mme lo agelelane, fela jaaka lo ntse lo dira.
Kgothatso ya bofelo le ditumediso
12Re a lo rapela, bagaetsho, gore lo itse ba ba dirang mo go lona, ba ba lo busang mo Moreneng, mme ba lo tlhagisa; 13le gore lo ba tlotle thatathata mo loratong ka ntlha ya tiro ya bone. Lo nne kagisanyo.
14Re a lo laya, bagaetsho, ra re tlhagisang ba ba fuduang, nametsang ba ba lapang pelo, pepetletsang ba ba bokoa, lo nne pelotelele mo go botlhe. 15Lo bone gore ope a se ka a lefetsa bosula jwa ga ope ka bosula; lo nne lo lekele kwa go direlaneng molemo, mongwe le yo mongwe, le mo go botlhe.
16Itumeleng ka metlha yotlhe; 17lo rapeleng ka go bisa go khutla; 18lebogang mo dilong tsotlhe; gonne mo ke go rata ga Modimo mo go Keresete Jesu ka ga lona.
19Se timeng Mowa; 20lo se ka lwa nyatsa dithuto; 21mme lekang dilo tsotlhe; sone se se molemo lo se tshware thata; 22lo ithibe mo go sengwe le sengwe se se mo tshwanong ya bosula.
23A Modimo wa kagiso ka osi o lo itshepise gotlhe fela; go le mewa ya lona, le dipelo tsa lona, le mebele ya lona, a go bolokwe go le mmogo, le ka go tlhoka molato mo go tleng ga Morena wa rona Jesu Keresete. 24Go boikanngo ene yo o lo bitsang, yo o bileng a tla go dira.
25Bagaetsho, lo re rapelele.
26Dumedisang bakaulengwe botlhe ka katlo e e boitshepo.
27Ke a lo ikanisa ka Morena, gore lokwalo lo, lo balelwe bakaulengwe botlhe.
28Tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona.

Currently Selected:

1 BATHESALONIKA 5: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy