YouVersion Logo
Search Icon

I JOHANE 2

2
Keresete ke mmueledi wa rona
1Banyana ba me, dilo tse ke a di lo kwalela, gore lo tle lo se ka lwa leofa. Mme fa motho mongwe a leofa re na le Mmueledi kwa go Rara, e bong mosiami Jesu Keresete. 2Ke ene seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona; e be e se sa tsona rona tsosi fela, mme le gone e le sa tsa lefatshe lotlhe.
3Ke gone ka fa re itseng ka teng fa re mo itse, fa re boloka ditaolo tsa gagwe. 4Yo o reng: “Ke a mo itse,” mme a sa boloke ditaolo tsa gagwe, o maaka; boammaaruri ga bo yo mo go ene. 5Mme le fa e le mang yo o bolokang lefoko la gagwe, ruri lorato lwa Modimo lo dirilwe boitekanelo mo go ene. Ke gone ka fa re itseng fa re le mo go ene ka teng: 6Yo o reng o ntse mo go ene, o tshwanetse le ene a bo a tsamaya fela jaaka ene a kile a tsamaya.
Taolo e ntšha
7 Baratwa, ga ke lo kwalele taolo epe e ntšha, fa e se taolo e kgologolo fela, e lo sa leng lo e tshola mo tshimologong; taolo e kgologolo ke lefoko le lo kileng lwa le utlwa. 8Gape, ke lo kwalela taolo e ntšha, e e leng boammaaruri mo go ene le mo go lona; ka lefifi le a anoga, le lesedi la ammaaruri le setse le phatsima le jaana.
9Yo o reng o mo leseding, mme a ila mogagabo, o ntse o mo lefifing le gompieno. 10Yo o ratang mogagabo o ntse mo leseding, mme ga go na kgopiso epe mo go ene. 11Mme yo o ilang mogagabo, o mo lefifing, o bile o tsamaya mo lefifing, ga a itse kwa o yang teng, gonne lefifi le mo foufaditse matlho.
12Ke lo kwalela, banyana ba me, ka gobo lo itshwaretswe dibe tsa lona, ka ntlha ya leina la gagwe. 13Ke lo kwalela, borrabana, ka gobo lo itse ene yo o ntseng a le teng le kwa tshimologong. Ke lo kwalela makau, ka gobo lo fentse yo o bosula. Ke lo kwaletse banyana, ka gobo lo itse Rara.
14Ke lo kwaletse borrabana, ka gobo lo itse ene yo o ntseng a le teng le mo tshimologong. Ke lo kwaletse makau, ka gobo lo le thata, lefoko la Modimo le ntse mo go lona, mme lo fentse yo o bosula.
15Se rateng lefatshe, le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa Rara ga lo yo mo go ene. 16Gonne tsotlhe tse di mo lefatsheng, e bong thato ya nama, le kgatlhego ya matlho, le mabela a botshelo, ga se ga Rara, ke ga lefatshe. 17Lefatshe le a feta le thato ya lone; mme yo o dirang go rata ga Modimo o ntse ka bosakhutleng.
Baganetsa Keresete
18Banyana, ke nako ya bofelo; jaaka lo kile lwa utlwa fa moganetsa Keresete a tla, le gompieno go setse go tsogile baganetsa Keresete ba le bantsi; re itse ka gone fa e le nako ya bofelo. 19Ba dule mo go rona, mme ya bo e ne e se ba rona; gonne fa e ka bo e ne e le ba rona, ba ka bo ba sa ntse ba na le rona; mme ba tswa, gore ba tle ba bonatshiwe ka fa ba seng ba rona botlhe ka teng.
20Mme lo na le tlotso e e tswang mo Moitsheping, mme lo itse dilo tsotlhe. 21Ga ke a lo kwalela ka gobo lo sa itse boammaaruri, mme e le ka gobo lo bo itse, le ka gobo boammaaruri ga bo na maaka.
22Moaki e mang fa e se yo o latolang go re Jesu ga se Keresete? Ke ene moganetsa Keresete, e bong ene yo o itatolang Rara le Morwawe. 23Le fa e le mang yo o itatolang Morwa Modimo, yo ke ene Rara e seng wa gagwe; yo o ipolelang Morwa Modimo, Rara le ene o na nae.
24Ka ga lona, se lo sa leng lo se utlwa mo tshimologong, a se ke se nnele ruri mo go lona. Fa se lo sa leng lo se utlwa mo tshimologong se nnela ruri mo go lona, le lona lo tlaa nnela ruri mo go Morwa Modimo, le mo go Rara. 25E ke yone polelo e o re solofeditseng ka yone, e bong botshelo jo bo sa khutleng.
26Dilo tse ke di lo kwaletse ka ga ba ba ratang go lo gogela kwa timelong. 27Mme ka ga lona, tlotso e lo e amogetseng mo go ene e ntse mo go lona, mme ga lo batle gore ope a lo rute; jaaka tlotso ya gagwe e lo ruta ka ga dilo tsotlhe, e le ammaaruri, e se maaka, fela jaaka e lo rutile, nnang fela mo go ene.
Bana ba Modimo
28Jaana banyana ba me, nnelang ruri mo go ene; gore e tle e re fa a ka bonatshiwa, re ke re dire le tshosologo, mme re se ka ra tlhajwa ke ditlhong fa pele ga gagwe mo go tleng ga gagwe. 29Fa lo itse gore ene o tshiamo, lo a itse le gone fa mongwe le mongwe yo o dirang tshiamo a tsetswe ke ene.

Currently Selected:

I JOHANE 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy