Hoshee 4
4
KHAOLO 4.
1LONA bana ba Yeserela, utluañ lehuku ya ga Yehova: gone Yehova o na le se se ganeloañ le banni ba lehatse; ka gone ga go na boamarure le esiñ pelunomi, le esiñ kico ea Morimo mo hatsiñ.
2Mi ba thobile ka thogako, le kako, le polao, le bogoru, le go gokahala, mi mari a hitlela mari.
3Ki gona lehatse le tla hutsahalañ, mi moñue le moñue eo o nntseñ go yeona o tla topetega, le tse ri tserileñ tsa naga, le linunyane tsa legorimo; le cona tlapi tsa leoatle li tla tlosioa.
4Leha gontse yalo a go si ne ope eo o ganelañ, le esiñ go buela ope; gone bathu ba lona ba cuana le ba ba ganelañ le moperiseti.
5Ki gona lo tla oañ ka motsegare, le ena moperofeti o tla oa le lona ka bosigo, mi ki tla senya ma lona.
6¶ Bathu ba me ba sencoe ka go tloka kico: gone lo latlile kico, le lona ki tla lo latla, gore lo si ne baperiseti go ’na; mi ka lo lebetse molao oa Morimo oa lona, le ’na ki tla lebala bana ba lona.
7Yaka ba intsihetse, ba ’nteohetse yalo: ki tla hetola khalalelo ea bona litloñ.
8Ba ya cupelo tsa boleo tsa bathu ba me, mi ba tlologeleloa tsiamololo ea bona.
9Ki gona go tla nañ, yaka bathu bantse, moperiseti le ena antse yalo: mi ki tla ba betsa kaha tseleñ tsa bona, mi ki tla ba khopololela tiho tsa bona.
10Gone ba tla ya, mi ga ba kitla ba khora: ba tla akahala, mi ga ba kitla ba ntsihala: gone ba khutlile go tlokomela Yehova.
11¶ Khokahalo le boyaloa le boyaloa yo bosha li tlosa pelu.
12Bathu ba me ba lopa logoñ loa bona khakololo, mi tsamma ea bona ea ba shupetsa: gone moea oa akahalo o ba timetsa, mi ba akahetse go coa Morimoñ oa bona.
13Ba tlabela ha tloreñ tsa lithaba, mi ba hisa ensense mo lithabaneñ; le kua tlatse ga mooka, le mopopelere, le moterebenta, gone moroti oa cona o molemo: ki gona bomoroaria lona ba akahalañ, le banyaroi ba lona ba khokahalo.
14Ga ’nkitla ki betsa bomoroaria lona mogañ ba akahalañ, le banyaroi ba lona ha ba akahala: gone ba ito-molela le liaka ka bosi, ba tlabela le lipepe: ki gona bathu ba ba sa tlaloganyeñ ba tla rigeloa.
15¶ Leha lona Bayeserela lo gokahala, a Bayuda ba si latuharioe; mi lo si ee Gilegala, le esiñ go ea Beta‐avena, mi lo si ikane, lo re, Go tsela Yehova.
16Gone Bayeserela ba kata ka morago yaka moroba o o katañ: yana Yehova o tla ba hurisa yaka kuana mo heloñ ga katlamo.
17Baeferaima ba ñaparetse licuanco tsa merimo: ba lese.
18Boitlapelo yoa bona bo sina uerioa, ba hela ba akahala: thebe tsa bona li khatloa ki litloñ.
19Pheho e ba bohile mo phukeñ tsa eona, mi ba tla tlabisioa litloñ ki tlabelo tsa bona.
Currently Selected:
Hoshee 4: TSN1890
Highlight
Share
Copy

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society