YouVersion Logo
Search Icon

MAREKO 1

1
Johane Mokolobetsi
(Math. 3:1-12; Luka 3:1-18; Joh. 1:19-30)
1Efangele ya ga Jesu Keresete, Morwa Modimo, e simologile 2fela jaaka go kwadilwe mo go Jesaya moporofeti ga twe:
“Bonang, ke roma morongwi
wa me go go etelela pele
yo o tla go baakanyetsang tsela.
3Lentswe la yo o tlhabang mokgosi
mo sekakeng la re:
‘Baakanyang tsela ya Morena,
siamisang mebila ya gagwe!’ ”
4Johane o ne a tla jalo, a kolobetsa kwa sekakeng, a rera kolobetso ya tlhabologo go isa boitshwarelong jwa dibe. 5Botlhe ba naga ya Jutea le botlhe ba Jerusalema ba tswela kwa go ene, ba kolobediwa ke ene mo nokeng ya Joretane, ba ipobola dibe tsa bone.
6Johane o ne a apere kobo ya boboa jwa kammele, le moitlamo wa letlalo mo lethekeng la gagwe, a ja tsie le dinotshe tsa naga. 7A rera a re: “Morago ga me go tla yo o nang le thata bogolo go nna, yo ke sa tshwanelang go inama, ka funolola kgole ya ditlhako tsa gagwe. 8Nna ke lo kolobetsa ka metsi; mme ene o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo.”
Kolobetso ya ga Jesu le go raelwa ga gagwe
(Math. 3:13 – 4:11; Luka 3:21,22; 4:1-13; Joh. 1:31-34)
9Mo malatsing ao Jesu a tswa kwa Nasaretha wa Galelea, a kolobediwa ke Johane mo Joretane. 10Ya re a tswa mo metsing, a akofa a bona magodimo a bulega, le Mowa o tswa teng, o fologela mo go ene jaaka lephoi. 11Lentswe la tswa kwa magodimong la re: “O Morwaake yo o rategang yo ke go itumelelang.”
12Jaanong Mowa wa akofa wa mo kgweeletsa kwa sekakeng. 13A nna kwa sekakeng malatsi a le 40, a ntse a raelwa ke Satane, a nna teng le diphologolo; mme baengele ba mo direla.
Go bidiwa ga barutwa ba ntlha
(Math. 4:12-22; Luka 4:14-15; 5:1-11; Joh. 1:35-51)
14E rile Johane a sena go golegwa, Jesu a ya kwa Galelea, a rera Efangele ya Modimo. 15A re: “Sebaka se weditswe, puso ya Modimo e atametse. Tlhabologang lo dumele Efangele!”
16Ya re a tsamaya fa letsheng la Galelea, a bona Simone le Andrea morwa-rraagwe Simone, ba latlhela letloa mo letsheng; gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi. 17Jesu a ba raya a re: “Tlaang lo ntshaleng morago! Ke tla dira gore lo nne batshwari ba batho.” 18Ba akofa ba tlogela matloa a bone, ba mo sala morago.
19Ya re a ya fa pelenyana, a bona Jakobo wa ga Sebeteo, le Johane morwa-rraagwe, ba le bone ba ne ba le mo mokorong, ba roka matloa. 20A akofa a ba bitsa; ba tlogela Sebeteo rraabo mo mokorong, a na le barapiwa, ba mo sala morago.
Phodiso ya yo o tsenyweng ke mowa o o bosula mo Kaperenaume
(Math. 4:13; Luka 4:31-37)
21Jaanong ba tsena mo Kaperenaume. Ya re ka Sabata a akofa a tsena mo senagogeng, a ruta. 22Mme batho ba gakgamalela thuto ya gagwe; gonne o ne a ba ruta jaaka yo o nang le thata, e seng jaaka Baitsedikwalo.
23Ka motlha oo ga bo go le motho yo o nang le mowa o o itshekologileng mo senagogeng sa bone, a goa a re: 24“O na le eng le rona, Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re isa tatlhegong? Ke itse gore o mang; o Moitshepi wa Modimo.”
25Jesu a o kgalemela a re: “Didimala o tswe mo go ene!”
26Ya re mowa o o itshekologileng o mo rutlarutla, wa goa ka lentswe le legolo, wa tswa mo go ene. 27Botlhe ba gakgamala, mo ba bileng ba botsanya ba re: “Ke eng se? Ke thuto e ntšhwa e e nang le thata. Le mewa e e itshekologileng o a e laola, mme e a mo utlwa.”
28Mme tumo ya gagwe ya akofa ya tswela ntlheng tsotlhe mo tikologong yotlhe ya Galelea.
Jesu o fodisa balwetse
(Math. 8:14-17; 4:23; Luka 4:38-44)
29E rile ba sena go tswa mo senagogeng, ba akofa ba tsena mo ntlong ya ga Simone le Andrea, ba na le Jakobo le Johane. 30Mogwagwadia Simone a bo a letse fa fatshe, a tuka bolelo, mme ba akofa ba mo mmolelela. 31Jesu a mo atamela, a mo tshwara seatleng, a mo kakatlolola; mogote wa mo tlogela, a ba a ba direla.
32Ya re go le maitsiboa, letsatsi le phirima, ba isa go ene botlhe ba ba lwalang le ba ba tsenyweng ke medemone. 33Motse otlhe wa bo o phuthegetse fa mojako. 34A fodisa ba bantsi ba ba lwalang malwetse a mefutafuta, a kgarameletsa medemone e mentsi ntle; mme a se ka a letlelela medemone go bua; gonne e ne e mo itse.
35Ya re ka moso, go sa le bosigo, a tsoga, a tswela kwa ntle, a ya kwa felong fa go senya, a rapela teng. 36Simone le ba ba nang nae ba mo latela. 37Ba mo fitlhela, ba mo raya ba re: “Botlhe ba a go batla.”
38A ba raya a re: “A re yeng go sele, kwa metsaneng e e gaufi, gore le gona koo ke rere Efangele; gonne ke sona se ke se tletseng.”
39A ya a rera mo disenagogeng tsa bone kwa Galelea yotlhe, a kgarameletsa medemone kwa ntle.
Phodiso ya molwetse wa lepero
(Math. 8:2-4; Luka 5:12-16)
40Jaanong ga tla molwetse wa lepero kwa go ene, a mo rapela, a mo khubamela, a mo raya a re: “Fa o rata, o ka mphepafatsa.” 41Jesu a tlhomoga pelo, a ntsha letsogo, a mo ama, a mo raya a re: “Ke a rata, phepafala!” 42Lepero la akofa la mo tlogela, a fola. 43Mme Jesu a mo laela thata, a akofa a mo rebola, 44a mo raya a re: “Itise gore o se ka wa bolelela ope sepe! Mme tsamaya o ipontshe moperesiti, o be o ntshetse phepafalo ya gago tse Moše o di laotseng, go nna tshupo mo go bone.”
45Mme ene ya re a tswa, a simolola go bolela tse dintsi le go utlwatsa tiro eo, mo Jesu a neng a sa tlhole a kgona go tsena mo motseng a bonwa, mme a nna kwa ntle mo mafelong a a senya. Mme batho ba tla go ene, ba tswa ntlheng tsotlhe.

Currently Selected:

MAREKO 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy