YouVersion Logo
Search Icon

MORERI 1

1
Lefelafela la dilo tsotlhe tsa lefatshe
1Mafoko a Moreri morwa Dafita, kgosi ya kwa Jerusalema. 2A boithamako jwa maithamako! Go bua Moreri. A boithamako jwa maithamako! Dilo tsotlhe ke tsa boithamako. 3Matsapa otlhe a motho o itapisang ka ona fa tlase ga letsatsi a mo thusa eng? 4Losika longwe lo a tloga, lo longwe lo a goroga; ke lefatshe fela le le tlhomameng ka bosakhutleng. 5Letsatsi le a tlhaba, letsatsi le a phirima, le itlhaganelela kwa felong ga lone kwa le tla tlhabang teng gape. 6Phefo e ya kwa borwa e be e retologela kwa bokone; e foka e ntse e dikologa-dikologa; phefo e be e boele gape kwa e neng e tswa teng. 7Dinoka tsotlhe di elelela kwa lewatleng, mme lewatle ga le tlale; e bile dinoka di boela gape kwa di neng di tswa teng. 8Dilo tsotlhe di na le matsapa a tsona; motho ga a kgone go tlhalosa. Leitlho ga le kgore go bona, le tsebe ga e tladiwe ke go utlwa. 9Tse di kileng tsa nna teng di tla be di nne teng gape; tse di kileng tsa dirafala ke tsona tse di tla dirafalang gape. Ga go na sepe se sešwa fa tlase ga letsatsi. 10A go na le sengwe se go ka tweng: “Bonang, se sešwa ke se”? Nnyaya! Kana se kile sa nna teng mo metlheng e e fetileng, rona re ise re nne teng. 11Ba bogologolo ga ba tlhole ba gopolwa; mme ba metlha e e tlang le bone ba tla lebalwa ke ba ba tla ba latelang.
Boitemogo jwa Moreri
12Nna Moreri ke ne ke le kgosi ya Iseraele mo Jerusalema. 13Ke ne ke ikaeletse go lotolotsa le go tlhotlhomisa ka botlhale dilo tsotlhe tse di dirwang fa tlase ga legodimo. Ke tiro e e makete e Modimo o e neetseng batho gore ba itapise ka yona. 14Ka bona ditiro tsotlhe tse di dirwang fa tlase ga letsatsi; ka fitlhela tsotlhe e le tsa boithamako le go tshwara lephoro fela. 15Tse di kgopameng ga di ka ke tsa tlhamaladiwa; tse di tlhokafalang ga di kgone go balwa.
16Ke ne ka ithaya ka re: “Ruri, ke bonye botlhale jo bogolo, ka ba ka nna ka bo oketsa bogolo go botlhe ba ba neng ba busa mo Jerusalema pele ga me. Ee, pelo ya me ya bona botlhale jo bontsi le kitso e kgolo.” 17Jaanong ya re ke ineela ka pelo go itse botlhale le go itse botsenwa le bosilo, ka lemoga gore le gona ke go tshwara lephoro fela. 18Gonne botlhale jo bogolo bo na le tshwenyego e kgolo; gape yo o oketsang kitso o oketsa botlhoko.

Currently Selected:

MORERI 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy