YouVersion Logo
Search Icon

BAROMA 6

6
Bopelotlhomogi ga bo re letlelele go leofa, mme bo re golola mo taolong ya boleo
1Jaanong re tla reng? A re tla tswelela pele mo boleong gore bopelotlhomogi bo tle bo ate bogolo? 2Le go ka! Rona ba re suleng ntlheng ya boleo, re sa ntse re ka phela jang mo go jona? 3Kampo a ga lo itse gore rona rotlhe ba re kolobeleditsweng Keresete Jesu, re kolobeleditswe loso lwa gagwe? 4Ke go re, re fitlhilwe nae ka kolobetso gore re swe, re tle re tsamae mo bophelong jo bošwa, jaaka Keresete le ene a tsositswe mo baswing ka kgalalelo ya ga Rara; 5gonne fa re kopantswe nae go tshwana le loso lwa gagwe, le tsogo ya gagwe re tla tshwana nayo, 6ka re itse gore motho yo mogologolo wa rona o bapotswe nae gore mmele wa boleo o khutlisiwe go leofa, mme re se tlhole re direla boleo; 7gonne yo o suleng o siamisitswe, a gololwa mo boleong. 8Mme fa re sule le Keresete re dumela gore le go phela re tla phela nae, 9ka re itse gore Keresete yo o tsositsweng mo baswing ga a tlhole a tla swa, loso ga lo tlhole lo na le thata mo go ene; 10gonne loso lo a lo suleng, o ne a lo swa ka ntlha ya boleo gangwe fela, a feletsa ruri, mme bophelo jo o bo phelang jona o bo phelela Modimo. 11Le lona jalo, iponeng lo le baswi ntlheng ya boleo le baphedi ba ba phelelang Modimo lo le mo go Keresete Jesu, Morena wa rona.
12Jaanong mebele ya lona e e swang, a boleo bo se tlhole bo e laola, mo lo ka utlwang dikeletso tsa yona. 13Gape se neeleng boleo ditokololo tsa lona go nna didiri tsa tshiamololo, mme ineeleng Modimo jaaka ba ba tswang mo losong, ba phela, le ditokololo tsa lona di neeleng Modimo go nna didiri tsa tshiamo; 14gonne boleo ga bo nke bo lo laola, ka lo se fa tlase ga molao, mme lo le fa tlase ga bopelotlhomogi.
15Jaanong re tla reng? A re tla leofa, ka re se fa tlase ga molao, mme re le fa tlase ga bopelotlhomogi? Le go ka! 16A ga lo itse gore yo lo mo ineelang go nna batlhanka go mo utlwa, ke ene yo lo leng batlhanka ba gagwe, yo lo tshwanetseng go mo utlwa, le fa e le boleo go isa losong, gongwe kutlo go isa tshiamong? 17Mme a Modimo o lebogwe, ka lo khutlile go nna batlhanka ba boleo, mme lo simolotse go utlwa ka pelo yotlhe sekao sa thuto se lo tsentsweng mo go sona. 18Lo diregile batlhanka ba tshiamo, ka lo golotswe mo boleong. 19Ke bua ka fa mokgweng wa batho ka ntlha ya bokoa jwa nama ya lona; a e re jaaka lo ne lo neetse ditokololo tsa lona go nna badiredi ba maswe le ba boitaolo jo bo isang boitaolong, jaanong neelang ditokololo tsa lona jalo go nna badiredi ba tshiamo e e isang boitshepisong.
20Kana e rile lo sa le batlhanka ba boleo, lwa bo lo sa laolwe ke tshiamo. 21Mme foo lo ne lo na le leungo lefe? Ke dilo tse jaanong lo tlhajwang ke ditlhong ka tsona; gonne bokhutlo jwa tsona ke loso. 22Mme jaanong ka lo golotswe mo boleong, e bile lo diregile batlhanka ba Modimo, lo na le leungo la lona le le isang boitshepisong, mme bokhutlo ke bophelo jo bo sa khutleng; 23gonne tefo ya boleo ke loso, mme neo ya bopelotlhomogi ya Modimo ke bophelo jo bo sa khutleng jo bo bonwang mo go Keresete Jesu, Morena wa rona.

Currently Selected:

BAROMA 6: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy