DIPESALEME 8
8
Motho ke eng?
1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi ka fa moopelong wa ba ba gatang segatelo.
2 Morena, Mmusi wa rona,
leina la gago le galalela jang
mo lefatsheng lotlhe,
wena yo borena jwa gago
bo opelelwang kwa legodimong!
3O itiretse tumiso e kgolo,
e tswa mo melomong ya bana
le ya masea,
ka ntlha ya baganetsi ba gago,
gore o didimatse baba
le baipusolosetsi.
4Fa ke lebile magodimo a gago,
tiro ya menwana ya gago
le ngwedi le dinaledi
tse o di tlhomileng –
5kana motho ke eng,
fa o mo gopotse,
ngwana wa motho ke eng,
fa o mmabalela?
6O mo tlhaedisitse baengele
go le gonnye fela,
wa mo rwesa kgalalelo le bontle.
7O mo dirile molaodi
wa ditiro tsa diatla tsa gago;
o beile dilo tsotlhe
fa tlase ga dinao tsa gagwe,
8tsotlhe, dinku le dikgomo,
le tsona diphologolo tsa naga,
9dinonyane tsa loapi
le ditlhapi tsa lewatle,
le fa e le eng se se ralalang lewatle
ka ditsela tsa lone.
10 Morena, Mmusi wa rona,
kana leina la gago le galalela jang
mo lefatsheng lotlhe!
Currently Selected:
DIPESALEME 8: TSW70
Highlight
Copy
Compare
Share
Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.