DIPESALEME 67
67
Sefela sa go lebogela thobo
1Pesalome. Sefela se se kwaletsweng moopedisi, se opedisiwa ka kwadi ya dithapo.
2A Modimo o nne boitshwarelo
le rona,
o re tshegofatse;
a o re phatsimisetse sefatlhego
sa ona, Sela,
3gore tsela ya gago e lemogiwe
mo lefatsheng,
le pholoso ya gago
mo ditšhabeng tsotlhe.
4Merafe e tla go baka, Modimo,
ditšhaba tsotlhe di tla go baka.
5Merafe e tla itumela, e ipela,
ka gonne o atlhola ditšhaba
ka tshiamo,
ò goga merafe mo lefatsheng. Sela.
6Merafe e tla go leboga, Modimo,
ditšhaba tsotlhe di tla go leboga.
7Lefatshe le ntshitse thobo ya lone.
Modimo, e bong Modimo wa rona,
o tla re tshegofatsa.
8Modimo o tla re tshegofatsa,
mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe
di tla o boifa.
Currently Selected:
DIPESALEME 67: TSW70
Highlight
Share
Compare
Copy
Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.