YouVersion Logo
Search Icon

DIPESALEME 141

141
Kopo ya go sa tseneng mo thaelong le mo pogisong
1Pesalome ya ga Dafita.
Morena, ke a go bitsa;
itlhaganele, o tle go nna;
utlwa lentswe la me,
fa ke goela go wena.
2A thapelo ya me e nne
jaaka maswalo fa pele ga gago;
a tsholetso ya me ya mabogo
e nne jaaka tshupelo ya maitsiboa.
3 Morena,
beela molomo wa me tiso;
lebelela mojako wa molomo wa me.
4Se sokololele pelo ya me
kwa selong se se bosula
go dira ditiro tsa boikepo
le banna ba ba dirang bosula,
mme a ke se je monate o ba o jang.
5Mosiami a ka ntitaya, ke ka lorato,
a ka nkwatlhaya,
ke lookwane lwa tlhogo;
tlhogo ya me ga e kitla e lo gana.
Le fa go ntse jalo ke rapela
ka ntlha ya masula a bona.
6Fa baatlhodi ba bona
ba digwa mo makgotlhong,
ba tla utlwa mafoko a me,
fa e le a a monate.
7Marapo a rona a gasagasegile
fa mojakong wa felo ga baswi
jaaka fa motho a lema,
a gagola lefatshe.
8Gonne matlho a me a lebile wena
Modimo Morena;
ke batla botshabelo fa go wena;
se ntshe mowa wa me mo nameng.
9Mphemele mo thateng ya segole
se ba nthaisitseng ka sona,
le mo dirung
tsa ba ba dirang bosula.
10A baikepi ba wele mo lemeneng
la bona botlhe mmogo,
mogang nna ke fetang ke falola.

Currently Selected:

DIPESALEME 141: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

Video for DIPESALEME 141