YouVersion Logo
Search Icon

NUMERI 2

2
Thulaganyo ya ditso mo bothibelelong
1 Morena a ba a raya Moše le Arone a re: 2“E re fa Baiseraele ba thibelela, mongwe le mongwe a nne fa sefokeng sa ga gabo le fa ditshupong tsa kgotla ya ga gabo; a ba thibelele mo tikologong ya Tente ya Boipontsho, ba lebagane nayo.
3“Ba ba tla thibelelang ntlheng ya botlhabatsatsi ke ba sefoka sa bothibelelo jwa ga Juta ka fa mephatong ya bone. Kgosana ya Bajuta ke Nasone morwa Aminatabe. 4Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone, ke ba le 74 600. 5Ba ba tla thibelelang go bapa nae ke lotso lwa ga Isašare. Kgosana ya Baisašare ke Nethanele morwa Suare. 6Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 54 400. 7Le lotso lwa ga Sebulone. Kgosana ya Basebulone ke Eliabe morwa Helone. 8Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba gagwe ke ba le 57 400. 9Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Juta ke ba le 186 400 ka fa mephatong ya bone. Ba tshwanetse go bolola pele.
10“Ba sefoka sa bothibelelo jwa ga Rubene ba nne ntlheng ya borwa ka fa mephatong ya bone. Kgosana ya Barubene ke Elisure morwa Seteure. 11Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba gagwe ke ba le 46 500. 12Ba ba tla thibelelang go bapa nae ke lotso lwa ga Simeone. Kgosana ya Basimeone ke Sedumiele morwa Surišatai. 13Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 59 300. 14Le lotso lwa ga Gate. Kgosana ya Bagate ke Eliasafe morwa Rehuele. 15Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 45 650. 16Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Rubene ke ba le 151 450 ka fa mephatong ya bone. Ke bone ba mephato ya bobedi ba ba bololang.
17“Jaanong go tloge Tente ya Boipontsho le bothibelelo jwa Balefi fa gare ga mathibelelo a mangwe. Ba bolole jaaka ba thibelela, mongwe le mongwe a le mo mannong a gagwe ka fa difokeng tsa bone.
18“Ba sefoka sa bothibelelo jwa ga Eferaime ba nne ntlheng ya bophirimatsatsi ka fa mephatong ya bone. Kgosana ya Baeferaime ke Elisama morwa Amihute. 19Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 40 500. 20Ba ba tla thibelelang go bapa nae ke lotso lwa ga Manase. Kgosana ya Bamanase ke Gamaliele morwa Phetasure. 21Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 32 200. 22Le lotso lwa ga Benyamene. Kgosana ya Babenyamene ke Abitane morwa Giteoni. 23Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 35 400. 24Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Eferaime ke ba le 108 100 ka fa mephatong ya bone. Ke bone ba mephato ya boraro ba ba bololang.
25“Ba sefoka sa bothibelelo jwa ga Dane ba nne ntlheng ya bokone ka fa mephatong ya bone. Kgosana ya Badane ke Ahiesere morwa Amisatai. 26Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 62 700. 27Ba ba tla thibelelang go bapa nae ke lotso lwa ga Asere. Kgosana ya Baasere ke Phagiele morwa Ogorane. 28Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 41 500. 29Le lotso lwa ga Nafetale. Kgosana ya Banafetale ke Ahira morwa Enane. 30Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 53 400. 31Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Dane ke ba le 157 600. Ke bone ba bofelo ba ba bololang ka fa difokeng tsa bone. 32Ke bao ba ba badilweng ba Baiseraele ka fa dikgotleng tsa bone. Botlhe ba ba badilweng ba mathibelelo ka fa mephatong ya bone ke ba le 603 550.” 33Mme Balefi ba se ka ba balelwa mo Baiseraeleng jaaka Morena a ne a laetse Moše.
34Baiseraele ba dira fela jaaka Morena a laetse Moše: Ba thibelela jalo ka fa difokeng tsa bone, ba bolola jalo, mongwe le mongwe ka fa losikeng lwa gagwe fa kgotleng ya ga gabo.

Currently Selected:

NUMERI 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy