YouVersion Logo
Search Icon

NAHUME 3

3
Maleo a Ninife le tatlhego ya teng
1A tatlhego wee ya motse wa madi
o o tletseng maaka
le tshiamololo gotlhe,
o o sa khutleng go thukhutha.
2Utlwa seme se thwantsha,
utlwa modumo wa maotwana
a dikoloi
le dipitse tse di sianang,
le dikoloi tse di kgothoselang!
3Bapalami ba matla ka dipitse,
ditšhaka di phatsima
jaaka molelo;
marumo a bonala
jaaka dikgadima!
A bontsi jo bo bolailweng,
ditoto di kana kang!
Direpa ga di fele!
Ba tla kgotšwa
ke ditoto tsa bone.
4Ke ka ntlha ya boaka jo bogolo
jwa seaka se sentle
se se kgatlhisang,
setswerere sa mereo ya boloi;
se se tsieditseng ditšhaba
ka boaka jwa sona le ditshika
ka mereo ya boloi ya sona.
5“Bona, ke tla go otla,”
go bua Morena
wa masomosomo.
“Ke tla tsholetsa
mosese wa gago,
ke go bipa sefatlhego ka ona,
ke bontsha ditšhaba bosaikatega
jwa gago
le magosi ditlhong tsa gago.
6Ke tla tshela matlakala
mo go wena,
ke go tlotlolola,
ke go dira selebo
se se nyatsegang.
7Gore botlhe ba ba go bonang
ba go tshabe
ba re: ‘O nyeleditswe,
motse wa Ninife!
Ke mang yo o tla o utlwelang
botlhoko?’
Ke tla go batlela kae bagomotsi?”
8A o a re, o feta motse wa No-Amone o o neng o le fa dinokeng, o na le metsi mo tikologong ya ona, o phemelo ya ona e leng lewatle, o tshireletso ya ona e leng metsi? 9Ethiopia e ne e le thata ya ona le Baegepeto ba ba se nang palo; Baphute le Balebia ba ne ba o thusa. 10Le fa go ntse jalo le ona wa tlosiwa, wa ya mo botshwarong. Bana ba ona le bone ba tšhwetlakanngwa mo makgatlhanong a mebila yotlhe; batlotlegi ba ona ba ba tlhamela tengwa, ba bagolo ba ona ba bofiwa ka dikeetane.
11Mme le wena ò tla tagwa, ò tlhakana tlhogo; le wena ò tla batla botshabelo gore ò tshabe mmaba. 12Metse yotlhe ya gago e e femetsweng e tshwana le ditlhare tsa feie tse di nang le mabutswapele; fa di tshikinngwa, a wele mo leganong la moji. 13Bona, morafe wa gago o o mo teng ga gago ke basadi fela; ruri, dikgoro tsa lefatshe la gago di bulegetse baba ba gago; molelo o jele diphemelo tsa gago. 14Ikgele metsi, gonne o tla dikelediwa ke baba. Tiisa dikago tsa phemelo tsa gago; tsena mo seretseng, ò se gatake, ò tsee sebopi sa diekana. 15Gona foo molelo o tla go jela teng, tšhaka e go nyeletsa, e go ja jaaka molome.
Le fa o ka ntsifala jaaka molome le fa ò ka ntsifala jaaka segongwane, 16le fa ò ntsifaditse bareki ba gago bogolo go dinaledi tsa legodimo! – Boijane bo ne jwa tswa diphuka, jwa fofa jwa ya. 17Dikgosana tsa gago di tshwana le segongwane, balaodi ba gago ba tshwana le bontsi jwa tsie e e robetseng mo dikgoreng mo letsatsing le le maruru. E re letsatsi le tlhabile, e fofe e tloge, go sa itse ope kwa e ileng teng.
18Badisa ba gago ba robetse, kgosi ya Asiria; bagale ba gago ba itunna fela; morafe wa gago o phatlaladitswe mo dithabeng, go se yo o ba phuthang. 19Thubego ya gago ga e na go baakanngwa; ntho ya gago ke e e sa foleng. Botlhe ba ba utlwang kitsiso ka ga gago ba go opela diatla; gonne ke mang yo o neng a sa dirafalelwe ke bosula jo o bo dirileng ka metlha?

Currently Selected:

NAHUME 3: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy