YouVersion Logo
Search Icon

LUKA 7

7
Molaodi wa kwa Kaperenaume
(Math. 8:5-13)
1E rile a sena go wetsa dipolelo tsotlhe tseo tsa gagwe mo ditsebeng tsa batho, a tsena mo Kaperenaume. 2Teng go ne go le molaodi-wa-lekgolo mongwe, a na le motlhanka yo a mo ikanyang thata, a lwala, a le gaufi le go swa. 3Ya re a utlwa ka ga Jesu, a roma bagolo ba Bajuta kwa go ene, a mo rapela gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe. 4Ya re ba fitlha kwa go Jesu, ba mo rapela ka tlhoafalo ba re: “Go mo tshwanetse, mo direle jalo; 5gonne o rata setšhaba sa rona, e bile ke ene yo o re agetseng senagoge.”
6Foo Jesu a ya nabo. Jaanong ya re a sa tlhole a le kgakala le ntlo, molaodi-wa-lekgolo a roma ditsala kwa go ene, a mo raya a re: “Morena, se itshwenye; gonne ga ke a lekana gore o tsene ka fa tlase ga ditlhomeso tsa me. 7Ke ka moo ke ikaileng gore ga ke a tshwanela go tla koo go wena; bua lefoko fela, mme motlhanka wa me o tla fola. 8Gonne le nna ke motho yo ke beilweng ka fa tlase ga taolo, ke na le batlhabani ba ba mo taolong ya me; ke raya yo ke re: ‘Tsamaya!’ a tsamae; le yo mongwe, ke re: ‘Tlaya!’ a tle, le motlhanka wa me, ke re: ‘Dira se!’ mme a se dire.”
9Ya re Jesu a utlwa jalo, a mo gakgamalela, a ba a retologela kwa bathong ba ba mo setseng morago a re: “Ke lo raya ke re: Ga ke ise nke ke bone tumelo e e kalokalo, le fa e le mo lseraele.”
10Jaanong ya re ba ba romilweng ba boela kwa ntlong, ba fitlhela motlhanka yo o neng a lwala a fodile.
Lekau la kwa Naine
11Ya re kamoso a ya kwa motseng o o bidiwang Naine, mme barutwa ba gagwe ba ya nae, le batho ba bantsi. 12Ya re a atamela kgoro ya motse, ga bo go tshotswe moswi, a isiwa kwa ntle, e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene e le motlholagadi. Bontsi jo bogolo jwa motse jwa bo bo na nae. 13Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.” 14Jaanong a atamela, a ama setsholo, mme ba ba mo tshotseng ba ema. Foo a re: “Lekau, ke go raya ke re: Tsoga!” 15Moswi a kanamologa, a simolola go bua, mme Jesu a mo neela mmaagwe.
16Ke fa poifo e ba tshwara botlhe, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Moporofeti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona!” Gape ba re: “Modimo o lekotse batho ba ona.”
17Polelo eo ka ga gagwe ya utlwala mo Jutea yotlhe le mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong.
Barongwi ba ga Johane Mokolobetsi
(Math. 11:2-19)
18Jaanong barutwa ba ga Johane ba ya, ba mmegela dilo tsotlhe tseo. 19Foo Johane a ipiletsa barutwa ba le babedi ba gagwe, a ba roma go Morena a re: “A ke wena yo go tilweng: O tla tla, kampo re lebelele o sele?”
20Ya re banna bao ba fitlha kwa go ene, ba re: “Johane Mokolobetsi o re romile kwano go wena a re: ‘A ke wena yo go tilweng: O tla tla, kampo re lebelele o sele?’ ”
21Mo nakong eo a bo a fodisa ba le bantsi malwetse le matlhoko le mewa e e bosula, a naya difofu di le dintsi go bona. 22Mme a ba araba a re: “Tsamayang, lo bolelele Johane tse lo di bonyeng le tse lo di utlwileng: Difofu di a bona, digole di a tsamaya, balepero ba a phepafadiwa, disusu di a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba rerelwa Efangele. 23Mme go sego yo o sa kgopisegeng ka ga me.”
24E rile barongwa ba ga Johane ba sena go tsamaya, a simolola go bua le batho ka ga Johane a re: “Lo ne lo tswela kwa sekakeng go bonang? A e ne e le lotlhaka lo lo temekisiwang ke phefo? 25Tota lo ne lo tswela go bona eng? A e ne e le motho yo o apereng diaparo tse di boleta? Kana ba ba apereng diaparo tse dintlentle le ba ba phelang mo letlepung ba mo malapeng a dikgosi. 26Tota lo ne lo tswela go bona eng? A e ne e le moporofeti? Ee, ke lo raya ke re: E bile ke yo o fetang moporofeti. 27Yo ke ene go kwadilweng ka ga gagwe ga twe: ‘Bonang, ke roma morongwa wa me fa pele ga sefatlhego sa gago, yo o tla baakanyang tsela ya gago fa pele ga gago.’ 28Gonne ke lo raya ke re: Mo go ba ba tsetsweng ke basadi ga go ope yo o leng mogolo go feta Johane; mme yo o leng mmotlana mo pusong ya Modimo o mogolo go mo feta.”
29Batho botlhe, le bone bakgethisi ba utlwile, ba ineela mo Modimong ka go kolobediwa ka kolobetso ya ga Johane. 30Bafarisai le Baitse-molao bone ba nyatsa maikaelelo a Modimo a go ba thusa, ka ba se ka ba kolobediwa ke ene.
31Morena a ba a re: “Kana batho ba kajeno nka ba tshwantsha le eng? Ba tshwana le eng? 32Ba tshwana le bana ba ba ntseng mo patlelong, ba bitsana ba re: ‘Re lo leleditse ditlhaka, mme ga lo a ka lwa bina; re lo opeletse tse di ledisang, mme ga lo a ka lwa lela.’ 33Johane Mokolobetsi o tsile, a sa je senkgwe, a sa nwe weine; mme lo a re: ‘O na le modemone.’ 34Morwa-Motho o tsile, a ja, a nwa; mme lo a re: ‘Bonang motho wa lejabobe, monwa-bojalwa, tsala ya bakgethisi le baleofi ke yo!’ 35Mme botlhale bo atlholetswe ke bana botlhe ba jona.”
Jesu o tlodiwa dinao
36Jaanong mongwe wa Bafarisai a mo kopa gore a je nae. Jesu a tsena mo ntlong ya gagwe, a nna fa dijong. 37Mme bonang, mosadi mongwe wa motse yo e leng moleofi a utlwa gore o ntse fa dijong mo ntlong ya Mofarisai, a tsisa setlolo ka modutwana wa alabasetere, 38a ema ka fa morago fa dinaong tsa gagwe, a lela, a simolola go kolobetsa dinao tsa gagwe ka dikeledi, a di phimola ka moriri wa gagwe, a nna a mo atla dinao, a di tlotsa ka setlolo. 39Ya re Mofarisai yo o mo laleditseng a bona jalo, a ithaya a re: “Yo, fa e ka bo e le moporofeti, a ka bo a itse gore mosadi yo o mo amang ke mang, le gore o ntse jang; gonne ke moleofi.”
40Jesu a tswa molomo, a mo raya a re: “Simone, ke na le lefoko nao.”
Ene a re: “Moruti, bua.”
41Jesu a re: “Batho ba le babedi ba ne ba tsere molato mo moadiming mongwe, wa ntlha a le molato wa diranta di le 50, yo mongwe wa di le tlhano. 42Mme ya re ka ba se na sepe se ba ka lefang ka sona, a phimola molato wa bona ka bobedi. Jaanong yo o tla mo ratang bogolo mo go bone ke ofe?”
43Simone a araba a re: “Ke gopola gore e tla nna ene yo a mo itshwaretseng go le gogolo.”
Jesu a mo raya a re: “O atlhotse sentle.” 44Jaanong a retologela kwa mosading, a raya Simone a re: “A o bona mosadi yo? Ke tsenye mo ntlong ya gago, mme ga o a ka wa mpha metsi a go tlhapa dinao; mme ene o nkolobeditse dinao ka dikeledi, a ba a di phimola ka moriri wa gagwe. 45Wena ga o a ka wa nkatla; mme ene, fa e sa le a tsena ga a ise a ke a khutle go nkatla dinao. 46Tlhogo ya me ga o a ka wa e tlotsa lookwane; mme ene o ntloditse dinao ka setlolo. 47Ka ntlha ya moo ke go raya ke re: Dibe tsa gagwe tse di leng dintsi o di itshwaretswe; go bonala jalo, ka a ratile go le gogolo; mme yo o itshwarelwang go le gobotlana, o rata go le gobotlana.”
48Jaanong a raya mosadi a re: “Dibe tsa gago ò di itshwaretswe.”
49Ba ba ntseng nae fa dijong ba simolola go akanya ba re: “Ke mang yo, yo e bileng a itshwarela dibe?”
50Jesu a raya mosadi a re: “Tumelo ya gago e go pholositse; tsamaya ka kagiso!”

Currently Selected:

LUKA 7: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy