YouVersion Logo
Search Icon

LUKA 5

5
Tshwaro e e gakgamatsang ya ditlhapi
(Math. 4:18-22; Mar. 1:16-20; 4:1)
1Ya re Jesu a eme fa letsheng la Genesareta, batho ba mo pitlaganya go utlwa Lefoko la Modimo; 2a bona mekoro e mebedi e eme fa letsheng; batshwari ba ditlhapi ba bo ba dule mo go yona, ba tlhatswa matloa. 3A palama o mongwe wa mekoro, e le wa ga Simone, a ba a mo kopa gore a o katose lefatshe go le gonnye, a nna fa fatshe, a ruta batho a le mo mokorong.
4Ya re a sena go khutla go bua, a raya Simone a re: “O suteletse kwa go boteng, lo latlhele matloa a lona gore lo tshware.”
5Simone a fetola a re: “Moruti, re letse re itapisitse bosigo jotlhe, ga re a ka ra tshwara sepe. Le fa go ntse jalo ke tla latlhela matloa ka lefoko la gago.” 6Ya re ba dira jalo, ba sobokanya bontsi jo bogolo jwa ditlhapi, matloa a bone a ba a thanyega. 7Ba gwetlha balekane ba bone ba ba mo mokorong o mongwe gore ba tle go ba thusa. Ba tla, mme ba tlatsa mekoro e mebedi eo, mo e bileng ya batla go teba. 8Ya re Simone Petoro a bona, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Morena, ntlogele, ka gonne ke monna yo o boleo.”
9A re jalo gonne letshogo le kgakgamalo di ne di mo wetse, le botlhe ba ba nang nae, ka ntlha ya tshwaro ya ditlhapi e ba e bonyeng; 10fela jalo di tshwara le boJakobo le Johane, bomorwa Sebeteo, ba e leng balekane ba ga Simone. Jesu a raya Simone a re: “O se ka wa boifa; go simolola kajeno o tla nna motshwari wa batho.”
11Ya re ba sena go fitlhisa mekoro kwa losing, ba tlogela tsotlhe, ba mo sala morago.
Phodiso ya molepero
(Math. 8:1-4; Mar. 1:40-45)
12Bonang, e rile a le mo motseng mongwe, ga bo go le monna yo o tletseng lepero; ya re a bona Jesu, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a mo rapela a re: “Morena, fa o rata, o ka mphodisa, ka phepafala.”
13Morena a ntsha letsogo, a mo ama a re: “Ke a rata; fola!” Mme lepero la mo tlogela ka bonako. 14Jesu a mo laya gore a se ka a bolelela ope, a ba a re: “Tsamaya ò ipontshe moperesiti, ò ntshetse phôlô ya gago ka fa Moše a laotseng ka teng, go nna tshupo mo go bone.”
15Fela tumo ya gagwe ya faladiwa bogolo; batho ba bantsi ba phuthega go utlwa le go fodisiwa malwetse a bone. 16Mme ene a ngongwaela, a nna kwa mafelong a a senya, a rapela.
Phodiso ya monna yo o suleng mhama
(Math. 9:1-8; Mar. 2:1-12)
17Ka lengwe la malatsi ao a bo a ruta. Bafarisai le Baruta-molao ba bo ba ntse fa fatshe, e le ba ba tswang mo motseng mongwe le mongwe wa Galelea le Jutea le kwa Jerusalema; thata ya Morena ya go fodisa e ne e na nae. 18Mme bonang, banna bangwe ba tsisa motho ka diphate yo o suleng mhama, ba leka go mo tsenya mo teng le go mmaya fa pele ga gagwe. 19Ya re ka ba sa bone ka fa ba ka mo tsenyang mo ntlong ka teng ka ntlha ya bontsi jwa batho, ba palama kwa godimo ga thulelo, ba mo folosa gare ga ditlhomeso, a le mo diphateng, ba mmaya mo gare, fa pele ga Jesu. 20Ya re a bona tumelo ya bone, a mo raya a re: “Monna, dibe tsa gago o di itshwaretswe.”
21Jaanong Baitsedikwalo le Bafarisai ba simolola go akanya ba re: “Ke mang yo, yo o buang dikgalo? Ke mang yo o ka itshwarelang dibe, fa e se Modimo fela?”
22Ya re Jesu a lemoga dikakanyo tsa bone, a ba fetola a re: “Lo akanyang mo dipelong tsa lona? 23Mo go botlhofo ke gofe, a ke go re: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe’ gongwe go re: ‘Tsoga o tsamae’? 24Mme ke tla dira gore lo lemoge, fa Morwa-Motho a na le thata mo lefatsheng ya go itshwarela dibe!” Ke fa a raya yo o suleng mhama a re: “Ke go raya ke re: Tsoga o tsee diphate tsa gago, o ye kwa ntlong ya gago!”
25Yoo a tsoga ka bonako fa pele ga bone, a tsaya se o neng a letse mo go sona, a ya kwa ntlong ya gagwe, a ntse a galaletsa Modimo. 26Foo ba tlholelwa botlhe, ba galaletsa Modimo, ba tlala poifo ba re: “Re tlhotse re bonye disitapelo.”
Go bidiwa ga Lefi
(Math. 9:9-13; Mar. 2:13-17)
27Morago ga tseo a tswa, a tsamaya; a bona mokgethisi yo leina la gagwe e leng Lefi, a ntse fa ntlong ya kgethelo, a mo raya a re: “Ntshale morago!” 28Yoo a tlogela tsotlhe, a nanoga, a mo sala morago.
29Jaanong Lefi a mo direla moletlo o mogolo mo ntlong ya gagwe, go le bontsi jo bogolo jwa bakgethisi le jwa ba bangwe ba ba ntseng nabo fa dijong. 30Foo Bafarisai le Baitsedikwalo ba bone ba ngongoregela barutwa ba gagwe ba re: “Ke eng, fa lo ja, lo nwa le bakgethisi le baleofi?”
31Jesu a ba araba a re: “Ba ba itekanetseng ga ba batle ngaka; mme e batlwa ke ba ba lwalang. 32Ga ke a tla go biletsa basiami tshokologong, fa e se baleofi fela.”
Go itima dijo go kayang?
(Math. 9:14-17; Mar. 2:18-22)
33Gape ba mo raya ba re: “Barutwa ba ga Johane ba itima dijo gantsi, ba dira merapelo, ba Bafarisai le bone jalo; mme ba gago bone ba a ja, ba a nwa.”
34Jesu a ba raya a re: “A lo a tle lo itimise baetsana dijo, monyadi a sa ntse a na nabo? 35Malatsi a tla tla; mme e tla re monyadi a sena go tlosiwa mo go bone, e be e le gona ba tla itimang dijo mo malatsing ao.”
36Le gona a bua nabo ka setshwantsho a re: “Ga go ope yo o segang setsiba mo seaparong se sešwa, a se rokelele mo seaparong se se onetseng; fa a ka dira jalo, o tla gagola le sona se sešwa. Le gona setsiba se se tswang mo go se sešwa ga se nke se dumelelana le se se onetseng. 37Gape, ga go na ope yo o tshelang weine e ntšhwa mo makukeng a magologolo; fa go ka dirwa jalo, weine e ntšhwa e tla phantsha makuka, e tshologa, le makuka a senyega. 38Weine e ntšhwa e tshwanetse go tshelwa mo makukeng a mašwa; di bolokega jalo mmogo. 39Le gona ga go na ope yo e a reng a sena go nwa weine e kgologolo, a tloge a batle e ntšhwa; gonne a re: ‘E kgologolo e bedile.’ ”

Currently Selected:

LUKA 5: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy