YouVersion Logo
Search Icon

LEFITIKO 27

27
Kokeletso: Ka ga maikano le kabelo ya lesome
1 Morena a ba a raya Moše a re: 2“Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘Fa motho a dira maikano ka boene a go re mangmang e nne wa Morena, o ka gololwa ka fa a kaiwang ka teng.
3“ ‘Fa e le monna, o tla mo kaya jaana: Yo o dinyaga di le 20 go ya dinyageng di le 60 o tla mo kaya dišekele di le 50 tsa selefera, e bong dišekele tse di tletseng tsa Felo-ga-Boitshepo.
4“ ‘Fa e le mosadi, o mo kaye dišekele di le 30.
5“ ‘Fa e le wa dinyaga di le tlhano go ya dinyageng di le 20, o kaye yo motonanyana dišekele di le le yo monamagadi dišekele di le some.
6“ ‘Fa e le ngwana wa kgwedi go ya dinyageng di le tlhano, o kaye mosimane dišekele di le tlhano tsa selefera, mme mosetsana o mo kaye dišekele di le tharo tsa selefera.
7“ ‘Fa e le motho wa dinyaga di le 60 le go feta foo, monna o mo kaye dišekele di le 15, mme mosadi o mo kaye dišekele di le some.
8“ ‘Mme fa motho a humanegile, a palelwa ke go ntsha tlhwatlhwa ya thekololo e o e mo kaileng, a a emisiwe fa pele ga moperesiti gore moperesiti a mo kaye. Yo o ikanneng a moperesiti a mo kaye ka fa a nonofileng ka teng.
9“ ‘Fa e le sengwe sa diruiwa se se ka tlhabelwang Morena, gona sengwe le sengwe sa tsona se motho a se neelang Morena se tla nna boitshepo. 10A a se ka a tlhanoga ka sona, le e seng go ananya se se siameng ka se se sa siamang, gongwe se se sa siamang ka se se siameng. Mme fa a re o ananya seruiwa ka seruiwa, sona le se a reng o ananya ka sona di tla nna boitshepo ka bobedi jwa tsona. 11Mme fa e le seruiwa se se sa itshekang, se se sa tshwanelang go tlhabelwa Morena, a moikani a bee seruiwa seo fa pele ga moperesiti. 12A moperesiti a se atlhole gore a se siame gongwe ga se a siama. Go tla nna jaaka wena moperesiti o atlhotse. 13Mme fa a rata go se golola, a a oketse karolo ya botlhano godimo ga tlhwatlhwa ya sona e o e kaileng.
14“ ‘Fa motho a itshepisetsa Morena ntlo ya gagwe go e mo neela, a moperesiti a e sekaseke, fa e siame gongwe e sa siama; ka fa moperesiti a e kayang ka teng, go nne jalo. 15Jaanong fa yo o itshepisitseng ntlo ya gagwe a rata go e reka gape, a a oketse tlhwatlhwa e o e kaileng ka karolo ya botlhano ya yona; foo e tla mmoela.
16“ ‘Fa motho a itshepisetsa Morena tshimo nngwe ya boswa jwa gagwe, o e kaye ka fa peong e e jwalwang mo go yona. Fa peo ya garase e tlatsa homere, o e kaye dišekele di le 50 tsa selefera. 17Fa a itshepisa tshimo ya gagwe go tloga ka ngwaga wa tuduetso, a go nne jalo ka fa o e kaileng ka teng. 18Mme fa a itshepisa tshimo ya gagwe morago ga ngwaga wa tuduetso, a moperesiti a mmeele tlhwatlhwa ka fa dinyageng tse di setseng go ya ngwageng wa tuduetso, mme e o e kaileng e fokodiwe jalo. 19Fela fa yo o itshepisitseng tshimo a rata go e reka gape, a a oketse tlhwatlhwa e o e kaileng ka karolo ya botlhano ya yona; foo e tla mmoela. 20Fa a sa ithekele tshimo gape, mme a e rekisa mo monneng yo mongwe, ga e kitla e tlhola e gololwa. 21E re tshimo eo e gologa ka ngwaga wa tuduetso, e itshepele Morena jaaka tshimo e e hutsitsweng. E tla nna ya moperesiti e le boswa jwa gagwe.
22“ ‘Mme fa a itshepisetsa Morena tshimo e a e rekileng e e seng ya masimo a boswa jwa gagwe, 23gona a moperesiti a mmeele tlhwatlhwa e e lekanyeng go ya ngwageng wa tuduetso; a a ntshe ka lone letsatsi leo tlhwatlhwa e o e kaileng, e nne neo e e boitshepo ya Morena. 24Ka ngwaga wa tuduetso tshimo eo e tla boela kwa go ene yo moikani a e rekileng mo go ene yo e neng e le naga ya boswa jwa gagwe.
25“ ‘Tsotlhe tse o di kayang o di kaye ka šekele ya Felo-ga-Boitshepo. Šekele ke digera di le 20. 26Fela maitibolo a diruiwa, ka e le a Morena ka go tsalwa pele, a go se nne ope yo o a itshepisang, a e leng a kgomo gongwe a sefutshane; kana ona e ntse e le a Morena. 27Mme fa e le seruiwa se se sa itshekang, a a se golole ka fa o se kayang ka teng, a be a oketse karolo ya botlhano ya teng; fa se sa gololwe, a se rekisiwe ka fa o se kayang ka teng.
28“ ‘Fela tsotlhe tse di hutsitsweng tse motho a di hutseditseng Morena, di tswa mo go tse e leng tsa gagwe, le fa e le motho gongwe seruiwa gongwe tshimo nngwe ya boswa jwa gagwe, tsone ga di kitla di rekisiwa le e seng go gololwa. Tsotlhe tse di hutsitsweng ke tse di boitshepotshepo tsa Morena. 29Le fa e le motho ofe yo o hutsitsweng ga a kitla a gololwa. O tshwanetse go bolawa.
30“ ‘Dikarolo tsotlhe tsa lesome tsa lefatshe tsa dijwalo tsa masimo le tsa maungo a ditlhare ke tsa Morena; di itshepetse Morena. 31Mme fa motho a rata go golola karolo ya lesome ya gagwe, a a ntshe tlhwatlhwa ya yona, a ba a e oketse ka karolo ya botlhano. 32Fa e le karolo yotlhe ya lesome ya dikgomo le ya difutshane, tsotlhe tse di huhumelang ka fa tlase ga thobane ya modisa, ya lesome nngwe le nngwe e tla itshepela Morena. 33A go se ka ga sekasekwa fa e siame gongwe e sa siama; le gona e se ka ya ananngwa. Mme fa motho a re o e ananya, foo yona le e a reng o ananya ka yona, di tla nna boitshepo tsoo pedi; ga se tse di ka gololwang.’ ”
34Ke tsona ditaelo tse Morena o di laetseng Moše kwa thabeng ya Sinai gore a di laele Baiseraele.

Currently Selected:

LEFITIKO 27: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy