YouVersion Logo
Search Icon

JESAYA 15

15
Ka ga Moabe
1Taelo ya Modimo ka ga Moabe.
Ruri, motse wa Are o sentswe bosigo, Moabe a nyelediwa. Ruri, motse wa Kire o sentswe bosigo, Moabe a nyelediwa. 2Ba ya kwa tempeleng, ba Dibone ba tlhatlogela kwa dithoteng tsa tlhabelo go lela teng. Bamoabe ba goa mo godimo ga Nebo le mo godimo ga Meteba. Botlhe ba beotswe ditlhogo, ditedu tsotlhe di pomilwe. 3Ba apere diaparo tsa bohutsana mo mebileng ya bone, ba lela botlhe mo godimo ga matlo a bone le mo dipatlelong tsa bone, ba nnela go lela fela. 4Metse ya Hešebone le Eleale e a goa; dikodu tsa bone di utlwala go fitlha kwa Jahase. Ka ntlha ya moo bagale ba Moabe ba bokolela, dipelo tsa bone di tshogile. 5Pelo ya me e lelela Bamoabe. Batshabi ba bona ba fitlhile kwa Soare le kwa Egelathe. Ao! Ba tlhatloga ka mapalamo a Luhithe ka selelo. Ijoo! Ba goela tatlhego mo tseleng e e yang kwa Horonaime. 6Ijoo! Metsi a Nimerime a fetoga sekaka. Ijoo! Bojang bo a swaba, merogo e a fela, ga go tlhoge botala bope. 7Ka moo, tse ba di tshotseng le dikhumo tsa bona ba tla di tshedisa noka ya megokare. 8Ijoo! Go goa go utlwala mo nageng yotlhe ya Moabe; go bokolela ga bone go utlwala kwa Egelaime, go bokolela ga bone go utlwala kwa Bereleme. 9Ijoo! Metsi a Dimone a tletse madi. Gonne ke tla ba ke okeletsa Dimone tse dingwe: Ba ba falotseng ba Moabe le masalela a naga ke tla ba romela tau.

Currently Selected:

JESAYA 15: TSW70

Highlight

Share

Compare

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in