YouVersion Logo
Search Icon

HOSEA 2

2
1Rayang bomorwa-rraalona lo re: “Bathobame”, le bokgaitsadia-lona: “Bautlwetswe-botlhoko”.
Gomere o a ikanyologa, ke go re Baiseraele ba a ikanyologa
2“Sekisang mmaalona, lo mo sekise, gonne ga se mosadi wa me, le nna ga ke monna wa gagwe. A a tlose boaka jwa gagwe mo sefatlhegong sa gagwe le kgokafalo ya gagwe mo mabeleng a gagwe. 3Go seng jalo ke tla mo apola gotlhe, ke mmaya jaaka a ne a ntse ka letsatsi la botsalo jwa gagwe. Ke tla mo dira jaaka sekaka, ke mmaya jaaka naga e e omeletseng, ke mmolaya ka lenyora. 4Bana ba gagwe ga nka ke ka ba utlwela botlhoko, gonne ke bana ba dikgora. 5Gonne mmaabo o akafetse; yo o ba tsetseng o dirile tsa ditlhong. Gonne o rile: ‘Ke rata go sala dinyatsi tsa me morago, tse di mphang bogobe le metsi le maboa a dinku le letseta le lookwane le tse di nowang.’
6“Ka ntlha ya moo, bonang, ke tla thiba tsela ya gagwe ka matlhaku, ke mo kganela ka lorako gore a se ka a bona ditselana tsa gagwe. 7O tla sala dinyatsi tsa gagwe morago, mme ga a nke a di fitlhela; a di batla, mme ga a nke a di bona. Ke fa a tla re: ‘Ke tla ya ke boela kwa monneng wa me wa ntlha; gonne ka sebaka sele go ne go le molemo mo go nna bogolo go kajeno.’
8“Mme ga a ka a lemoga gore ke nna ke mo neileng mabele le matute a moweine le lookwane; ke mo ntsifaleditse selefera le gouta tsa ba diretseng Baale ka tsona. 9Ka ntlha ya moo ke tla boa ke tsaya mabele a me mo nakong ya ona, le matute a me a moweine ka nako ya ona; ke phamola maboa a dinku tsa me le letseta la me tse a ikapesang ka tsona. 10Jaanong ke tla bipolola ditlhong tsa gagwe fa pele ga dinyatsi tsa gagwe, go se ope yo o ka mo gololang mo letsogong la me. 11Ke tla khutlisa boitumelo jotlhe jwa gagwe le meletlo ya gagwe le ngwedi o o rogilweng wa gagwe le boSabata ba gagwe le dipaka tsotlhe tsa meletlo ya gagwe. 12Ke tla senya setlhare sa moweine le sa feie tsa gagwe tse a rileng: ‘Ke tuelo e ke e filweng ke dinyatsi tsa me.’ Ke tla di fetola sekgwa se se jewang ke diphologolo tsa naga. 13Ke tla mmeletsa malatsi a boBaale ba o ba tshubetseng maswalo, a ikgabisa ka manyena a gagwe le ka dibaga tsa gagwe tsa molala, a sala dinyatsi tsa gagwe morago, mme nna a ntebala,” go bua Morena.
Morena o rata batho ba gagwe
14“Ka moo bonang, ke tla mo eka, ke mo isa kwa sekakeng, ke bua tse di kgatlhang pelo ya gagwe. 15Morago ga moo ke tla mo naya masimo a moweine a gagwe le mokgatsha wa Agore go nna kgoro ya tsholofelo. Teng foo o tla opela jaaka mo malatsing a bošwa jwa gagwe, le jaaka ka letsatsi le a duleng kwa lefatsheng la Egepeto ka lone. 16Ka letsatsi leo o tla mpitsa: ‘Monna wa me;’ mme o sa tlhole o mpitsa: ‘Baale wa me,’ ” go bua Morena. 17“Ke tla tlosa maina a boBaale mo molomong wa gagwe gore ba se tlhole ba bidiwa ka maina a bona.
18“Ka letsatsi leo ke tla ba direla kutlwano le diphologolo tsa naga le dinonyane tsa loapi le dilo tse di gagabang fa fatshe; ke tla roba bora le tšhaka le tsa ntwa gore di tswe mo lefatsheng, ke ba ikhutsisa mo phemelong.
19“Ke tla go beelela
ka bosakhutleng;
ke go beelela ka tshiamo
le ka molao le ka lorato
le ka kutlwelo-botlhoko.
20Ke tla go beelela
ka boammaaruri,
mme o tla itse Morena.
21Ka letsatsi leo ke tla utlwa,”
go bua Morena;
“ke tla utlwa legodimo,
lone le tla utlwa lefatshe.
22Mme lefatshe le tla utlwana
le mabele le matute a moweine
le lookwane,
mme tseo di tla utlwana
le Iserele.
23Ene ke tla mo ijwalela
mo lefatsheng,
ke tlhomogela
Gaautlwelwa-botlhoko pelo,
ke raya Gasemorafe-wame ke re:
‘O morafe wa me,’
mme ene o tla re:
‘Modimo wa me.’ ”

Currently Selected:

HOSEA 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy