YouVersion Logo
Search Icon

GENESI 6

6
Boikepo jwa batho
1E rile batho ba simolola go ata mo lefatsheng le go tsalelwa bomorwadi, 2bomorwa Modimo ba bona bomorwadia batho, fa ba le bantle, ba tsaya basadi mo go bona botlhe ba ba ba ratang. 3Ke fa Morena a re: “Mowa wa me ga o kitla o busa mo mothong ka bosakhutleng, gonne le ene ke nama. A malatsi a gagwe e nne dinyaga di le 120 fela.” 4Mo malatsing ao ga bo go le mekaloba mo lefatsheng; le gona morago ga moo, fa bomorwa Modimo ba kopana le bomorwadia batho, ba ba tshodisa bana. Bona bao ke bagale ba bogologolo, ke banna bale ba ba tumileng.
5Jaanong ya re Morena a bona bosula jwa batho bo le bogolo le maano otlhe a dikakanyo tsa dipelo tsa bone a le bosula fela ka metlha yotlhe, 6ke fa Morena a ikwatlhaya, ka a dirile batho mo lefatsheng, a hutsafala mo pelong ya gagwe. 7Jaanong Morena a re: “Ke tla nyeletsa batho ba ke ba tlhodileng, ke ba tlosa mo lefatsheng; bone batho le diruiwa le digagabi le dinonyane tsa legodimo; gonne ke ikwatlhaya, ka ke ba dirile.” 8Mme Noa ene a bona bopelotlhomogi mo matlhong a Morena.
Noa
9Tsa bophelo jwa ga Noa ke tse: Noa e ne e le monna yo o siameng, a se na molato mo bathong ba metlha ya gagwe; Noa o ne a sepela le Modimo. 10A tsala bomorwa ba le bararo, e bong Seme le Hame le Jafethe. 11Lefatshe la bo le senyegile fa pele ga Modimo; lefatshe le tletse boithatelo jo bo setlhogo. 12Ke fa Modimo o leba lefatshe, o fitlhela le senyegile; gonne batho botlhe ba ne ba sentse setho sa bone mo lefatsheng.
13Mme Modimo wa raya Noa wa re: “Bofelo jwa batho botlhe bo tlile fa pele ga me. Gonne lefatshe le tletse tshiamololo e ba e dirang. Ka moo ke tla ba senya, ke ba tlosa mo lefatsheng. 14Itirele mokoro o mogolo ka dikgong tsa paina, o dire matlwana mo mokorong oo, o o thibe ka boka ka fa teng le ka fa ntle. 15O o dire jaana: Boleele jwa mokoro oo e nne mabogo a le 300; boatlhamo jwa ona e nne mabogo a le 50; bogodimo jwa ona e nne mabogo a le 30. 16O direle mokoro oo fenstere ya boleele jwa letsogo kwa godimo mo tikologong.
“Setswalo sa mokoro oo o se tsenye mo lotlhakoreng lwa ona. O dire matlwana a a kwa tlase le a a fa gare le a a kwa godimo mo go ona. 17Gonne ke tla tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng, e le go senya nama yotlhe e mowa wa bophelo o leng mo go yona fa tlase ga letsatsi; tsotlhe tse di mo lefatsheng di tla swa. 18Mme wena ke tla dira kgolagano nao e e tlhomameng; o tla tsena mo mokorong oo, wena le bomorwao le mosadi wa gago le basadi ba bomorwao, ba na nao. 19Le gona o tsenye bobedi le bobedi jwa dilo tsotlhe tse di phelang tsa nama yotlhe tsa mofuta mongwe le mongwe mo mokorong oo, e le go di phedisa nao. A e nne e tonanyana le e namagadi. 20A di le pedi tsa mefuta yotlhe ya dinonyane le tsa mefuta yotlhe ya diruiwa le tsa mefuta yotlhe ya digagabi tse di mo lefatsheng di tsene le wena go bolokelwa bophelo. 21O be o itseele dijo tsa mefutafuta tse di jewang, o di phuthele kwa go wena gore e nne dijo tsa gago le tsa tsona.” 22Noa a dira tsotlhe ka fa Modimo o mo laetseng ka teng.

Currently Selected:

GENESI 6: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy