YouVersion Logo
Search Icon

ESETERE 10

10
Bogolo jwa ga Moretogai
1Kgosi Ahasewerose a kgethisa batho ba lefatshe le ba ditlhakatlhake tsa lewatle. 2Mme tiro yotlhe ya thata ya gagwe le bopelokgale jwa gagwe le polelo e e tletseng ya boemo jo bogolo jwa ga Moretogai jo kgosi e mmeileng mo go jona kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa malatsi a dikgosi tsa Media le Peresia. 3Gonne Mojuta Moretogai o ne a tlhomaganela kgosi Ahasewerose, a le mogolo mo Bajuteng, a ratega mo bontsing jwa ba ga gabo, a batlela morafe wa ga gabo tse di molemo, a bua tse di agisang losika lotlhe lwa gagwe.

Currently Selected:

ESETERE 10: TSW70

Highlight

Copy

Compare

Share

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in