YouVersion Logo
Search Icon

DANIELE 12

12
Mafoko a bofelo. Mafoko a a kannweng
1“Ka sebaka seo go tla nanoga Migaele, kgosana e kgolo ele, go sireletsa bana ba morafe wa gago. E tla nna sebaka sa tlalelo se se iseng se ke se nne teng go tloga ka tlholego ya batho go fitlha nakong eo. Ka sebaka seo go tla pholosiwa morafe wa gago, e bong botlhe ba ba fitlhelwang ba kwadilwe mo lokwalong. 2Ba bantsi ba bone ba ba robetseng mo leroleng la lefatshe ba tla thanya; bangwe ba tla tsogela bophelo jo bo sa khutleng, ba bangwe ba tla tsogela ditlhong le kilego tse di sa khutleng. 3Basiami ba tla phatsima jaaka phatsimo ya legodimo; ba ba gogetseng ba bantsi mo tshiamong ba tla galalela jaaka dinaledi ka gale le ka bosenabokhutlo.
4“Mme wena Daniele, fitlha mafoko ao, o kane lokwalo loo go fitlhelela sebakeng sa bofelo. Foo ba bantsi ba tla tlhotlhomisa mo go lone; mme kitso e tla gola ka lone.”
5Jaanong nna Daniele ka leba, mme ka bona ba bangwe ba le babedi ba eme teng, mongwe ka kwano fa losing lwa noka, yo mongwe kwa moseja fa losing lwa noka. 6Mongwe a botsa monna yo o apereng lesela la letseta, yo o neng a le mo godimo ga metsi a noka, a re: “Bokhutlo jwa dilo tse di gakgamatsang tseo bo tla tla leng?”
7Ka utlwa monna yole yo o apereng lesela la letseta, yo o mo godimo ga metsi a noka, a tsholeletsa mabogo kwa legodimong, a ikana ka yo o phelang ka bosakhutleng a re: “Bo tla tla morago ga sebaka se le sengwe le dipaka di le pedi le bontlhanngwe jwa sebaka. E tla re fa thata ya morafe o o boitshepo e sena go phatlaladiwa, go dirafale dilo tsotlhe tseo.”
8Ke ne ka utlwa, mme ka se ka ka tlhaloganya ka re: “Morena wa me, dilo tseo di tla fela jang?”
9Mme a re: “Tsamaya o iketle, Daniele, gonne mafoko ao a lobilwe, a kannwe go ya go fitlha mo sebakeng sa bofelo. 10Ba bantsi ba tla feferwa, ba phepafadiwa, ba itshekisiwa, mme baikepi ba tla nna ba dira tsa boikepo fela. Ga go na moikepi ope yo o tla tlhaloganyang, mme basiami ba tla lemoga.
11“Go tloga ka sebaka se tlhabelo ya malatsi otlhe e tlosiwang ka sona, go bewa maila a a boitshegang, go tla feta malatsi a le 1 290. 12Go sego yo o itshokang, a fetsa malatsi a le 1 335.
13“Mme wena, tsamaya, o letele bofelo! O tla ikhutsa, o tsogela kabelo ya gago ka bofelo jwa malatsi.”

Currently Selected:

DANIELE 12: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy