YouVersion Logo
Search Icon

2 SAMUELE 24

24
Dafita o bala Baiseraele
(1 Ditiraf. 21:1-27)
1 Morena o kile a tukela Baiseraele bogale gape, a tlhotlheletsa Dafita go ba senyetsa a re: “Yaa o bale Baiseraele le Bajuta.” 2Ke fa kgosi e raya Joabe molaodi wa mephato yo o neng a na nayo e re: “A ko o ralale ditso tsotlhe tsa Iseraele go simolola kwa Dane go fitlha kwa Bereseba, lo bale morafe, ke tle ke itse palo ya one.”
3Mme Joabe a fetola kgosi a re: “A Morena, Modimo wa gago, o okeletse morafe ga lekgolo, le fa ba setse ba le kanakana, mme matlho a kgosi mong wa me a ba bone ka boitumelo. Mme ke ka ntlha ya eng fa kgosi mong wa me a kgatlhwa ke tiro e?” 4Fela taolo ya kgosi ya pateletsa Joabe le balaodi ba mephato. Joabe le balaodi ba mephato ba bolola jalo, ba romilwe ke kgosi go bala morafe wa Baiseraele.
5Ba tshela Joretane, ba thibelela kwa Aroere ntlheng ya le le jang la motse o o fa gare ga molapo wa Gate le go fitlha kwa Jasere. 6Ba feta ba ya kwa Gileate le kwa nageng ya Hoteši e e kwa tlase, ba be ba fitlha kwa Dane-Jaane le tikologong ya Sitone. 7Ba be ba fitlha kwa motseng o o femetsweng wa Tiro le kwa metseng yotlhe ya Bahewi le ya Bakanana, ba fetela pele ba fetsa kwa Bereseba nageng ya borwa ya Juta. 8Ba ralala naga yotlhe, mme ya re dikgwedi tse di le robongwe le malatsi a a 20 a sena go feta, ba goroga kwa Jerusalema. 9Ke fa Joabe a neela kgosi palo ya batho ba ba badilweng. Baiseraele ba e leng banna ba batlhabani ba ba somolang tšhaka ba ne ba le dikete di le 800, mme banna ba Juta ba le dikete di le 500.
10Mme e rile Dafita a sena go bala batho, a itewa ke letswalo. Ke fa Dafita a raya Morena a re: “Ke leofile thata ka se ke se dirileng. Mme jaanong, Morena, a ko o itshwarele molato wa motlhanka wa gago; gonne ke dirile bosilo jo bogolo.”
11Ya re Dafita a tsoga mo mosong, lefoko la Morena la bo le tsile kwa go Gate moporofeti, mosedisetsi wa ga Dafita, le re: 12“Yaa ò ree Dafita o re: ‘Morena o buile jaana a re: Ke baya dilo di le tharo fa pele ga gago. Itlhophele sengwe sa tsona gore ke se go direle.’ ” 13Mme Gate a tsena kwa go Dafita, a mo itsise jalo, a mmotsa a re: “A o rata gore go tle tlala ya dinyaga tse supa mo lefatsheng la gago? Gongwe a o rata go tshaba baba ba gago dikgwedi di le tharo bone ba ntse ba go khutšhetse? Gongwe a o rata gore go nne leroborobo mo lefatsheng la gago malatsi a le mararo? Jaanong akanya o bone karabo sentle e ke tla e busetsang ene yo o nthomileng.”
14Dafita a fetola Gate a re: “Ke tlaletswe thata. A bogolo re wele mo diatleng tsa Morena; gonne boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo bogolo; a ke se ka ka wela mo diatleng tsa batho.” 15Dafita a itlhophela leroborobo. Malatsi ao e ne e le a thobo ya mabele a sekgoa. Morena a ba a tlisa leroborobo mo Iseraeleng go simolola mo mosong go fitlha nakong e e beilweng. Ga swa batho ba morafe ba le dikete tse di 70 go tswa kwa Dane go fitlha kwa Bereseba. 16Jaanong ya re moengele a otlololela Jerusalema letsogo go mo senya, Morena a rebega bogale, mme a raya moengele yo o bolayang mo morafeng a re: “Go lekanye. Gonyetsa letsogo.” E ne e le fa moengele wa Morena a le fa seboaneng sa ga Arauna wa Mojebusi.
17Ya re Dafita a bona moengele a ntse a bolaya batho ba morafe, a raya Morena a re: “Kana ke nna ke leofileng, ke nna ke sentseng, mme dinku tse, di dirileng? A letsogo la gago le ke le betse nna le ba lapa la ga rre!”
18Ke fa Gate a tla kwa go Dafita ka letsatsi leo, a mo raya a re: “Tlhatloga o agele Morena aletare mo seboaneng sa ga Arauna wa Mojebusi.” 19Dafita a tlhatloga jalo ka fa lefokong la ga Gate jaaka Morena a laetse. 20Ya re Arauna a šebašeba, a bona kgosi le batlhanka ba yona ba tla kwa go ene, Arauna a tswa a ikobela fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga kgosi. 21Arauna a botsa a re: “Ke ka ntlha ya eng fa kgosi mong wa me a etela motlhanka wa gagwe?” Dafita a re: “Ke tsile go reka seboana se mo go wena le go agela Morena aletare mo go sona gore petso e tlosiwe mo morafeng.”
22Mme Arauna a fetola Dafita a re: “A kgosi mong wa me a se tsee fela, a dire setlhabelo ka tse di siameng mo matlhong a gagwe. Bona, dikgomo tsa setlhabelo ke tse, mme meotlwana le dijoko tsa dipholo e ka nna dikgong. 23Kgosi, dilo tsotlhe tse, Arauna o di naya kgosi.” Arauna a fela a raya kgosi a re: “A Morena Modimo wa gago o go itumelele!”
24Mme kgosi ya fetola Arauna ya re: “Nnyaya! Ke rata go di reka mo go wena ka tlhwatlhwa ya tsona. Ga nkitla ke direla Morena, Modimo wa me, ditlhabelo ka tse ke di filweng fela.” Ke fa Dafita a reka seboana seo le dikgomo tseo ka dišekele di le 50 tsa selefera. 25Jaanong Dafita a agela Morena aletare gona, a dira ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo. Ke fa Morena a tlhomogela lefatshe pelo, mme petso ya khutla ya tlosiwa mo Iseraeleng.

Currently Selected:

2 SAMUELE 24: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy