YouVersion Logo
Search Icon

2 JOHANE 1

1
1Nna yo mogolo, ke kwalela mohumagadi yo o tlhaotsweng, le bana ba gagwe ba ke ba ratang ruri, mme e seng nna fela, ba bile ba ratwa ke botlhe ba ba itseng boammaaruri. 2Ke ka ntlha ya jona boammaaruri jo bo ntseng mo go rona, jo bo tla nnang le rona ka bosakhutleng.
3Ka re: Bopelotlhomogi bo tla nna le rona le boutlwelo-botlhoko le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rara le mo go Jesu Keresete, Morwa Rara, ka boammaaruri le ka lorato.
Lorato lwa bakaulengwe. Baruti ba maaka
4Ke itumetse thata, ka ke fitlhetse bangwe ba bana ba gago ba tsamaya mo boammaaruring, jaaka re amogetse taolo mo go Rara. 5Mme jaanong ke a go rapela, mohumagadi, e seng jaaka e kete ke go kwalela taolo e ntšhwa, mme ke e re sa leng re e tshola go tswa tshimologong gore re ratane. 6Mme lorato ke lwa gore re tsamae ka fa ditaolong tsa ona; taolo ke ya gore lo sepele mo go lone jaaka lo sa le lo e utlwa go tloga tshimologong; 7gonne batsietsi ba bantsi ba bololetse mo lefatsheng, ba ba sa ipoleleng Jesu yo o tsileng mo nameng. Yo o ntseng jalo ke ene motsietsi le moganetsa-Keresete. 8Itlhokomeleng gore lo se ka lwa latlhegelwa ke dilo tse re di dirileng, lo tle lo amogele tuelo e e tletseng.
9Mongwe le mongwe yo o fapogang, a sa nne mo thutong ya ga Keresete, ga a na Modimo; yo o nnang mo thutong eo ke ene yo o nang le Rara le Morwa. 10Fa mongwe a ka tla go lona, a sa rute thuto e, lo se ka lwa mo tsholela mo ntlong, le gona lo se ka lwa mo dumedisa. 11Gonne yo o mo dumedisang o tlhakanela ditiro tse di bosula tsa gagwe nae.
12Le fa ke na le dilo tse dintsi go di lo kwalela, ke ne ke sa rate go dira jalo ka pampiri le enke; gonne ke solofela gore ke tla tla koo go lona, mme re tla buisanya ka molomo gore boitumelo jwa rona e nne jo bo tletseng.
13Bana ba ga morwadia-mmaago yo o tlhaotsweng ba a go dumedisa.

Currently Selected:

2 JOHANE 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy