YouVersion Logo
Search Icon

1 PETORO 3

3
Ditshwanelo tsa basadi le banna
1Le lona basadi, utlwang banna ba lona gore le fa banna bangwe ba sa dumele Lefoko ba fenngwe ke tsamao ya basadi kwa ntle ga Lefoko, 2fa ba bona tsamao e e phepa ya lona ya poifo-Modimo. 3Mokgabo wa lona e se ka ya nna wa ka fa ntle wa go loga meriri le go ikgabisa ka gouta le go apara diaparo tsa maphatsiphatsi, 4mme a e nne motho yo o fitlhegileng wa pelo yo o apereng mokgabo o o sa nyeleleng wa mowa o o bonolo, o o iketlileng; ke ona o o kgatlhang Modimo. 5Gonne bogologolo basadi ba ba boitshepo ba ba neng ba solofela mo Modimong le bone ba ne ba ikgabisa jalo ka go ikokobeletsa banna ba bone, 6jaaka Sara a ne a utlwa Aborahame, a mmitsa morena yo lo leng bana ba gagwe, fa lo dira molemo, mme lo sa boife sepe se se tshosang.
7Le lona banna, agang le bone ka tlhaloganyo, ka mosadi a bopegile bokoa, mme lo ba nee tlotlo, ka e bile e le ba ba ruang bopelotlhomogi jwa botshelo mmogo le lona, gore merapelo ya lona e se ka ya kgoreletsega.
Lorato lwa bakaulengwe. Boitshoko. Dipogiso
8Ke akaretsa ke re: Nnang pelonngwe fela lotlhe lo nne pelotlhomogi, lo ratane jaaka bana ba motho, lo nne kutlwelo-botlhoko le boikokobetso. 9Lo se ka lwa lefa bosula ka bosula gongwe komano ka komano, mme bogolo tshegofatsang, ka lo bileditswe gona moo gore lo rue lesego. 10Gonne
“Yo o ratang
go itumelela bophelo
le go bona malatsi a a molemo,
a a thibele loleme lwa gagwe
mo bosuleng,
le molomo wa gagwe
gore o se ka wa bua tsietso.
11A a fapoge bosula,
a dire molemo,
a a batle kagiso, a e latelele;
12gonne matlho a Morena
a lebile basiami,
ditsebe tsa gagwe
di reeditse merapelo ya bone.
Mme sefatlhego sa Morena
se emelanye le ba ba dirang
bosula.”
13Ke mang yo o ka lo utlwisang botlhoko, fa lo tlhoafaletse molemo? 14Mme le fa lo ka boga ka ntlha ya tshiamo, lo sego. Lo se ka lwa ba boifa ka gope le e seng go tshoga. 15Mme lo itshepise Morena Keresete mo dipelong tsa lona, lo ntse lo iketleeditse go araba mongwe le mongwe yo o batlang boikarabelo mo go lona ka ga tsholofelo e lo nang nayo, mme e nne ka bonolo le ka poifo. 16Lo nne le segakolodi se se siameng gore bone ba ba kgalang tsamao e e molemo ya lona mo go Keresete ba tlhajwe ke ditlhong ka dilo tse ba lo senyang leina ka tsona. 17Gonne fa Modimo o rata gore lo boge, gona go boga ka ntlha ya go dira sentle go gaisa go boga ka ntlha ya go dira bosula. 18Gonne Keresete le ene o kile a bogela maleo a rona gangwe fela, ene mosiami mo boemong jwa basiamolodi, gore a re ise kwa Modimong; a bolawa ka fa nameng, mme a tshedisiwa ka fa moweng, 19o e leng ona o bileng a ya ka ona, a rerela mewa e e mo kgolegelong, 20e e kileng ya gana go utlwa, jale fa Modimo o ntse o iketlile ka bopelotelele mo malatsing a ga Noa, go sa ntse go baakanngwa areka e batho ba se kae, e bong ba ba robedi fela, ba bolokilweng ka yona mo metsing. 21Ke ona a le lona a lo pholosang kajeno kolobetsong, e le setshwantsho sa yona, e se go tlosa leswe la mmele, mme e le go kopa segakolodi se se siameng mo Modimong ka tsogo ya ga Jesu Keresete 22yo o tsenyeng mo legodimong, a nna fa letsogong le le jang la Modimo, baengele le mebuso le ba ba thata ba sena go bewa mo taolong ya gagwe.

Currently Selected:

1 PETORO 3: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy