YouVersion Logo
Search Icon

1 PETORO 2

2
1Jaanong bakelang bosula jotlhe le tsietso yotlhe le boitimokanyo le lefufa le ditshebo tsotlhe, 2mme lo eletse mašwi a Lefoko a a sa pekwang, jaaka bana ba e leng gona ba tsalwang, gore lo tle lo golele pholosong ka ona, 3fa lo lemogile gore Morena o pelontle.
4Tlayang go ene yo e leng lentswe le le tshelang, le le latlhilweng ke batho, mme e le le le tlhophilweng la botlhokwa mo Modimong; 5ineeleng go agiwa jaaka majwe a a tshelang go nna ntlo ya Mowa, ya boperesiti jo bo itshepileng, go tsisa ditlhabelo tsa Mowa tse di kgatlhang Modimo ka Jesu Keresete. 6Gonne go kwadilwe mo Lokwalong ga twe:
“Bona, ke baya lentswe
la sekhutlo mo Sione
le le tlhophilweng
la botlhokwa;
yo o dumelang mo go lone ga
a kitla a tlhajwa ke ditlhong.”
7Ke la botlhokwa mo go lona ba lo dumelang; mme mo go ba ba sa dumeleng:
“Lentswe le baagi
ba le latlhileng
le dirilwe letlapa la sekhutlo,”
8“lentswe le le kgopang,
letlapa la seru;”
bone ba a kgotšwa, ka ba sa utlwe Lefoko; ke sona se ba bileng ba se beetswe.
9Mme lona lo losika lo lo tlhaotsweng, lo boperesiti jwa bogosi le morafe o o boitshepo le baruiwa ba Modimo, gore lo tumise ditiro tse dikgolo tsa yo o lo biditseng go tswa mo lefifing, go tsena mo leseding la gagwe le le gakgamatsang, 10lona ba e rileng pele lwa bo lo se morafe, mme jaanong lo batho ba Modimo ba lo neng lo sa utlwelwe botlhoko, mme jaanong lo utlwetswe botlhoko.
Motsamao wa tlotlego mo gare ga Baditšhaba. A go ineelwe mebuso
11Baratwi, ke kgothatsa lona, ba lo leng bajaki le baeng gore lo ikilele mo dikeletsong tsa nama tse di tlhabanang le mowa, 12mme lo nne le tsamao e e siameng mo go baheitane gore se ba lo sebang ka sona ba re, lo badiradibe, ba galaletse Modimo ka letsatsi la tekolo ka ntlha ya sona, fa ba se bona sentle ka ditiro tse di molemo tsa lona.
13Ikokobeletseng melao yotlhe ya batho ka ntlha ya Morena, le fa e le kgosi, ka e le molaodi yo mogolo, 14kampo dikgosana, ka e le tse di romilweng ke yona go betsa badiradibe le go tlotla ba ba dirang molemo; 15gonne thato ya Modimo e ntse jaana gore lo didimatse go sa itseng ga batho ba ba bosilo ka go dira molemo, 16lo le ba ba gololesegileng, mme lo sa dirise kgololesego jaaka seipato bosuleng, mme lo le batlhanka ba Modimo. 17Tlotlang botlhe. Ratang bakaulengwe. Boifang Modimo. Tlotlang kgosi.
Ditshwanelo tsa batlhanka ba e leng Bakeresete
18Lona batlhanka, utlwang beng ba lona ka poifo yotlhe, e seng ba ba molemo le ba ba bonolo fela, mme le bone ba ba kgopo. 19Gonne moo go a lebosega, fa motho a ka itshokela ditlhokofatso ka ntlha ya segakolodi se se utlwang Modimo, a bogisiwa a se na molato. 20E ka nna boipoko jwa eng, fa e ka re lo itewa lo sena go leofa, lo a go itshokela? Mme fa lo bogisiwa mogang lo dirang molemo, mme lo go itshokela, gone foo go lebosega fa pele ga Modimo; 21gonne lo bileditswe gona moo. Keresete le ene o bogisitswe ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo gate motlhala wa gagwe; 22yo o neng a sa dira boleo bope, le tsietso ga e a ka ya fitlhelwa mo molomong wa gagwe. 23E rile a kgalwa, a se ka a ba a kgala; ya re a bogisiwa, a se ka a bôpa, mme a ineela fela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo. 24O ne a belegela maleo a rona ka boene ka mmele wa gagwe kwa sefapaanong, gore rona re nne ba ba suleng ntlheng ya boleo, mme re tshelele tshiamo; lo fodisitswe ka dintho tsa gagwe. 25Gonne lo ne lo ntse jaaka dinku tse di timetseng, mme jaanong lo boetse go Modisa le Molebeledi wa mewa ya lona.

Currently Selected:

1 PETORO 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy