1
DIANE 15:1
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Phetolo e e bonolo e thibosa bogale, mme lefoko le le tlhokofatsang le tle le tlhotlheletse bogale.
Compare
Explore DIANE 15:1
2
DIANE 15:33
Go boifa Jehofa ke yone thuto ya botlhale, mme boikokobetso bo tle bo etelele tlotlo pele.
Explore DIANE 15:33
3
DIANE 15:4
Loleme lo lo phepa ke setlhare sa botshelo, mme fa bogwadi bo le mo go lone bo phatlole pelo.
Explore DIANE 15:4
4
DIANE 15:22
Kwa go se nang kgakololo gone, maikaelelo a tle a tlhaele, mme mo bontsing jwa bagakolodi a tle a tlhomame.
Explore DIANE 15:22
5
DIANE 15:13
Pelo e e ntseng mokete e sesa sefatlhogo, mme mowa o phatlolwe ke bohutsana jwa pelo.
Explore DIANE 15:13
6
DIANE 15:3
Matlho a ga Jehofa a mo mafelong otlhe, a lebeletse ba ba bosula le ba ba molemo.
Explore DIANE 15:3
7
DIANE 15:16
Bonnye fa bo na le poifo ya ga Jehofa, bo molemo bogolo go khumo e kgolo, fa e na le letshwenyo.
Explore DIANE 15:16
8
DIANE 15:18
Motho yo o šakgalang bobe o tlhotlheletsa kgang, mme yo o bonya go galefa o kokobetsa komano.
Explore DIANE 15:18
9
DIANE 15:28
Pelo ya mosiami e tlhatlhanya go fetola, mme molomo wa baikepi o tle o gorometse dilo tse di bosula.
Explore DIANE 15:28