Faro a raya Josefe a re: “E re ka Modimo o go supeditse tsotlhe tse, ga go na ope yo o tlhaloganyang le fa e le yo o botlhale jaaka wena. O tlaa nna tlhogo ya ntlo ya me: batho botlhe ba me ba tlaa laolwa ka fa lefokong la gago; fa e se mo setulong sa bogosi fela, ke tlaa nna mogolo mo go wena.”