1
JESAYA 54:17
Setswana 1970
TSW70
Sebolai sengwe le sengwe se se thulwang gore se tlhabane nao, ga se nke se kgona sepe. Loleme longwe le longwe lo lo go tsogelang mo tshekong o tla lo fenya kganetsanyong. Ke jona boswa jwa batlhanka ba MORENA le tshiamelo ya bone e e tswang mo go nna.” MORENA o buile jalo.
Compare
Explore JESAYA 54:17
2
JESAYA 54:10
Le fa dithaba di ka suta, le fa dithabana di ka reketla, bopelotlhomogi jwa me ga bo kitla bo tloga mo go wena; kgolagano ya me ya kagiso ga e kitla e reketla.” MORENA yo o go utlwelang botlhoko o buile jalo.
Explore JESAYA 54:10
3
JESAYA 54:4
Se boife, gonne ga o nke o tlhajwa ke ditlhong; se tlhajwe ke kgala, gonne ga o nke o tlhonya. Gonne o tla lebala ditlhong tsa bošwa jwa gago, o sa tlhole o gakologelwa kgobo ya botlholagadi jwa gago.
Explore JESAYA 54:4
4
JESAYA 54:5
Gonne yo o go dirileng ke monna wa gago. Leina la gagwe ke MORENA wa masomosomo. Mogolodi wa gago ke Moitshepi wa Iseraele. Ene o tla bidiwa Modimo wa lefatshe lotlhe.
Explore JESAYA 54:5
5
JESAYA 54:2
Katolosa manno a tente ya gago; a ba tsharolole masela a meago ya gago. Se rekegele, o leelefatse megala ya tente ya gago, o kokotelele dimapo tsa gago thata.
Explore JESAYA 54:2
6
JESAYA 54:13
“Bana botlhe ba gago e tla nna barutwa ba MORENA. Kagiso ya bana ba gago e tla nna kgolo.
Explore JESAYA 54:13
7
JESAYA 54:8
E rile ke tuka bogale, ka go fitlhela sefatlhego sa me sebakanyana, mme ke tla go utlwela botlhoko ka bopelotlhomogi jo bo sa khutleng.” MORENA, Mogolodi wa gago, o buile jalo.
Explore JESAYA 54:8
8
JESAYA 54:7
“Ke ne ke go tlogetse sebakanyana se sekhutshwanyane, mme ke tla go phutha ka mautlwelo-botlhoko a magolo.
Explore JESAYA 54:7
9
JESAYA 54:9
“Gonne tseo di tshwana le malatsi a ga Noa mo go nna. Ke ikanne ka re: Metsi a ga Noa ga a kitla a tlhola a ralala lefatshe. Jaanong ke ikanne jalo ka re: Ga nkitla ke go galefela le e seng go go kgalemela.
Explore JESAYA 54:9
10
JESAYA 54:12
Ditlhoa tsa matlo a gago ke tla di dira ka mafika a mahibitswana, le dikgoro tsa gago ka mafika a mahibidu, le lobota lotlhe lwa gago ka majwana a a rategang.
Explore JESAYA 54:12