1
JESAYA 53:5
Setswana 1970
TSW70
Mme ene o phololeditswe ka ntlha ya maleo a rona, a teketelwa melato ya rona. Petso ya mo wela gore rona re bone kagiso. Mme re fodisitswe ka dintho tsa gagwe.
Compare
Explore JESAYA 53:5
2
JESAYA 53:6
Rona rotlhe re ne re timetse jaaka dinku, mongwe le mongwe wa rona a fapogela mo tseleng ya gagwe, mme MORENA o ne a digela melato ya rona rotlhe mo go ene.
Explore JESAYA 53:6
3
JESAYA 53:4
Mme ruri ene o rwele malwetse a rona, a sikara matlhoko a rona; mme rona ra itlhoma, fa a bediwa, a itewa ke Modimo, a bogisiwa.
Explore JESAYA 53:4
4
JESAYA 53:3
O ne a nyatsega, a tlogelwa ke batho; e le monna wa matlhoko, a tlwaetse bolwetse; e le yo ba mo fitlhelang difatlhego; a nyatsega, mme ra se ka ra mo kaya sepe.
Explore JESAYA 53:3
5
JESAYA 53:7
E rile a bogisiwa a ikokobetsa, a sa bule molomo wa gagwe jaaka kwanyana e e isiwang kwa tlhabong le jaaka nku e e leng semumu fa pele ga babeodi ba yona. Ee, ga a ka a bula molomo.
Explore JESAYA 53:7
6
JESAYA 53:10
Mme go ne ga kgatlha MORENA go mo itaya le go mo tlhokofatsa. Fa a sena go ntshetsa bophelo jwa gagwe setlhabelo sa boleo, o tla bona losika, a phela malatsi a mantsi, mme tse di kgatlhang MORENA di tla tswelela pele ka seatla sa gagwe.
Explore JESAYA 53:10
7
JESAYA 53:2
Motlhanka wa MORENA o ne a tlhoga fa pele ga gagwe jaaka letlhogela le jaaka modi mo lefatsheng le le omeletseng. O ne a se na popego le bontle, fa re ka mo lebang; a se na ponalo, fa re ka mo eletsang.
Explore JESAYA 53:2
8
JESAYA 53:12
Ka moo ke tla mo abela boswa mo go ba bagolo; o tla abanya thopo le ba ba thata; ka gonne o ne a neela bophelo jwa gagwe mo losong, a balwa le baikepi. Mme tota o ne a rwala boleo jwa ba bantsi, a rapelela baikepi.”
Explore JESAYA 53:12
9
JESAYA 53:11
O tla bona tseo, a kgora ka ntlha ya tapisego ya mowa wa gagwe. “Motlhanka wa me yo o siameng o tla siamisa ba bantsi ka kitso ya go mo itse, mme melato ya bone ene o tla e rwala.
Explore JESAYA 53:11
10
JESAYA 53:8
O ne a ntshiwa mo pitlaganong le mo tshekisong. Go ne ga tsaatsia mang mo go ba ba phelang nae? Gonne o ne a kgaolwa mo lefatsheng la baphedi, a otlwa mo go isang losong ka ntlha ya boikepo jwa morafe wa me.
Explore JESAYA 53:8
11
JESAYA 53:9
Ba ne ba mo naya lebitla mo baikeping, le fa a sa dira tshiamololo epe; le fa go se tsietso mo molomong wa gagwe; mme ya re a swa, a nna le mohumi.
Explore JESAYA 53:9