Mme sa pateletsa mongwe le mongwe, bagolo le bannye, bahumi le bahumanegi, magolegwa le ba ba golotsweng, go tshwaiwa ka lotshwao longwe mo letsogong le legolo kgotsa mo phatleng. Mme ga bo go se ope yo o ka bonang tiro kgotsa le fa e le go reka mo marekelong kwa ntle ga gore a bo a na le lotshwao loo, lo e neng e le leina la sebatana kgotsa palo ya leina la sone.