YouVersion Logo
Search Icon

MORERI 3

3
Sengwe le sengwe se na le nako ya sone
1Sengwe le sengwe se na le motlha wa sone, le boikaelelo bongwe le bongwe tlase ga legodimo bo na le motlha wa jone.
2Go na le motlha wa go tsalwa,
le motlha wa go swa;
motlha wa go tlhoma,
le motlha wa go khumola
sone se se tlhomilweng;
3motlha wa go bolaya,
le motlha wa go fodisa;
motlha wa go rutla,
le motlha wa go aga;
4motlha wa go lela,
le motlha wa go tshega;
motlha wa go hutsafala,
le motlha wa go bina;
5motlha wa go latlha maje,
le motlha wa go kokoanya maje;
motlha wa go tlamparela,
le motlha wa go lesa go tlamparela;
6motlha wa go batla,
le motlha wa go latlhegelwa;
motlha wa go boloka,
le motlha wa go latlha;
7motlha wa go gagola,
le motlha wa go roka;
motlha wa go didimala,
le motlha wa go bua;
8motlha wa go rata,
le motlha wa go ila;
motlha wa ntwa,
le motlha wa kagiso.
9Motho yo o dirang o na le thuso yang mo go sone se o inayang letsapa la sone? 10Ke bonye thekisego e Modimo o e neileng bana ba batho go lekisiwa ka yone. 11O dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone; le gone o tlhomile go akanya ka ga bosakhutleng mo pelong tsa bone, mme le fa go ntse jalo e be e le ka mokgwa wa go re motho ga a kake a lemogela ruri tiro e Modimo o e dirileng go tswa tshimologong go ya fela kwa bokhutlong. 12Ke a itse go re, ga go na sepe se se molemo mo go bone bogolo go go itumela le go dira molemo ka metlha yotlhe ya go tshela ga bone. 13Le gone ke neo ya Modimo gore motho mongwe le mongwe a je a nwe, mme a je monate ka letsapa lotlhe la gagwe. 14Ke a itse go re, sengwe le sengwe se Modimo o se dirang, se tlaa nnela ruri ka bosakhutleng; ga se kake sa okediwa ka sepe, le fa e le go fokodiwa ka sepe; mme Modimo o go dirile, gore batho ba tle ba boife fa pele ga one. 15Se se leyong se ne se ntse se leyo gale; le se se tlaa nnang se ne se ntse se leyo gale; Modimo o bile o batla gape sone se se fetileng.
Tshiamololo ya lefatshe
16Gape ka bona tlase ga letsatsi, go re, mo felong ga tshiamiso, boikepo bo ne bo le gone; le go re, mo felong ga tshiamo, tshiamololo e ne e le gone. 17Ka ithaya mo pelong, ka re: Modimo o tlaa atlhola basiami le baikepi, gonne go na le motlha wa boikaelelo bongwe le bongwe, le wa tiro nngwe. 18Ka ithaya mo pelong, ka re: Ke ka ntlha ya bana ba batho, gore Modimo o tle o ba leke, le gore ba tle ba bone fa le bone ka bosi ba ntse jaaka diphologolo fela. 19Gonne se se dirafalelang bana ba batho se dirafalela diphologolo; ke go re, selo se le sengwe fela se a di dirafalela; jaaka sengwe se swa, se sengwe le sone se a swa; ee, di mowa mongwe fela tsotlhe; mme motho ga a na tlotlomalo epe go feta diphologolo; gonne gotlhe ke boithamako fela. 20Tsotlhe fela di ya felong go le gongwe fela; tsotlhe di tswa mo mmung, mme tsotlhe di fetoge mmu gape. 21E mang yo o itseng mowa wa motho, bo o ya kwa godimo, le mowa wa phologolo, bo o ya kwa tlase kwa mmung? 22Ke gone ka moo ka bona fa go se na sepe se se molemo bogolo go fa motho a ka itumela mo ditirong tsa gagwe, gonne ke yone kabelo ya gagwe, ka gobo e mang yo o tlaa mmusang a tla go bona se se tlaa nnang morago ga gagwe.

Currently Selected:

MORERI 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy