1
MORERI 3:1
BAEBELE e e Boitshepo
Sengwe le sengwe se na le motlha wa sone, le boikaelelo bongwe le bongwe tlase ga legodimo bo na le motlha wa jone.
Compare
Explore MORERI 3:1
2
MORERI 3:2-3
Go na le motlha wa go tsalwa, le motlha wa go swa; motlha wa go tlhoma, le motlha wa go khumola sone se se tlhomilweng; motlha wa go bolaya, le motlha wa go fodisa; motlha wa go rutla, le motlha wa go aga
Explore MORERI 3:2-3
3
MORERI 3:4-5
motlha wa go lela, le motlha wa go tshega; motlha wa go hutsafala, le motlha wa go bina; motlha wa go latlha maje, le motlha wa go kokoanya maje; motlha wa go tlamparela, le motlha wa go lesa go tlamparela
Explore MORERI 3:4-5
4
MORERI 3:7-8
motlha wa go gagola, le motlha wa go roka; motlha wa go didimala, le motlha wa go bua; motlha wa go rata, le motlha wa go ila; motlha wa ntwa, le motlha wa kagiso.
Explore MORERI 3:7-8
5
MORERI 3:6
motlha wa go batla, le motlha wa go latlhegelwa; motlha wa go boloka, le motlha wa go latlha
Explore MORERI 3:6
6
MORERI 3:14
Ke a itse go re, sengwe le sengwe se Modimo o se dirang, se tlaa nnela ruri ka bosakhutleng; ga se kake sa okediwa ka sepe, le fa e le go fokodiwa ka sepe; mme Modimo o go dirile, gore batho ba tle ba boife fa pele ga one.
Explore MORERI 3:14
7
MORERI 3:17
Ka ithaya mo pelong, ka re: Modimo o tlaa atlhola basiami le baikepi, gonne go na le motlha wa boikaelelo bongwe le bongwe, le wa tiro nngwe.
Explore MORERI 3:17
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos