YouVersion Logo
Search Icon

MORERI 4

4
1Foo ka menoga mme ka bona dipatiko tsotlhe tse di dirwang tlase ga letsatsi; mme bonang, dikeledi tsa ba ba patikwang, mme ba bo ba se na mogomotsi; mo ntlheng ya bapatiki ba bone go ne go na le nonofo, mme bone ba bo ba se na mogomotsi. 2Ke gone ka moo ka baka baswi ba ba setseng ba sule, bogolo go batshedi ba ba sa ntseng ba tshedile; 3ee, yo o molemo bogolo go bone boo babedi, ka re, ke yo o iseng a nne, yo o iseng a bone tiro e e bosula e e dirwang tlase ga letsatsi.
4Foo ka bona letsapa lotlhe; le tiro nngwe le nngwe e e botswerere, go re ka ga mo, motho o gopolwa ka bopelotshetlha ke wa ga gabo. Mme le gone ke boithamako le go belebetlela phefo fela. 5Seeleele se ikgona mabogo, se ije nama ya sone. 6Go molemo se se lekanyeng legofe fa se na le boiketlo, bogolo go se se lekanyeng diatla di le pedi fa se na le letsapa le go belebetlela phefo fela.
7Foo ka bowa mme ka bona boithamako tlase ga letsatsi. 8Go na le mongwe yo o esi, mme ga a na wa bobedi; ee, ga a na ngwana wa mosimane le fa e le morwa rraagwe; le fa go ntse jalo, letsapa la gagwe lotlhe ga le na bokhutlo, le gone matlho a gagwe ga a ke a kgora khumo. A re: “Ee, le foo, ka bo ke direla mang letsapa, ke ba ke thukhutha mowa wa me molemo?” Mo le gone ke boithamako, ee, ke thekisego e e botlhoko.
9Batho go nna babedi go molemo bogolo go a le mongwe fela; gonne ba bona tuelo e e molemo ka letsapa la bone. 10Gonne fa ba wa, yo mongwe o tlaa kakatlolola monkane wa gagwe; mme go a bo go latlhega ene yo o leng esi fa a wa, mme a se na yo mongwe yo o mo kakatlololang. 11Gape fa batho ba le babedi ba robetse mmogo, foo ba jesanye bothitho; mme motho o ka nna bothitho jang fa a le esi? 12Mme fa motho a fenya yo o esi, ba le babedi ba tlaa mo lotlhanela; mme mogala o o dikala ditharo ga o ko o kgaoga ka bonako.
13Lekau le le humanegileng mme le le botlhale, le molemo bogolo go kgosi e e tsofetseng e e silofetseng, e e sa tlholeng e iteseletsa go gakololwa.
14Gonne mongwe o ka tswa mo ntlong ya kgolegelo a tla go nna kgosi; mme yo mongwe yo o tsaletsweng mo bogosing a humanega. 15Ke bonye batshedi botlhe ba ba tsamayang tlase ga letsatsi, fa ba ne ba na le ene wa lekau, wa bobedi, yo o ne a ema mo boemong jwa lone. 16Batho bao botlhe go ne go se na bokhutlo jwa bone, e bong bone botlhe ba o ne a ba laola; le fa go ntse jalo ba ba tlang morago, ga ba ketla ba itumela mo go ene. Ruri mo, le gone ke boithamako le go belebetlela phefo fela.

Currently Selected:

MORERI 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy