YouVersion Logo
Search Icon

MORERI 2

2
1Ka ithaya mo pelong ka re: “A re ye koo, ke tlaa go leka ka moletlo, ke gone o je kgatlhego monate;” mme bonang, mo le gone e ne e le boithamako fela. 2Ke buile ka ga ditshego ka re: “Ke botsenwa;” le ka ga moletlo ka re: “O dirang?” 3Ka kheleisa mo pelong ya me ka fa nka itumedisang nama ya me ka gone ka bojalwa jwa mofine, pelo ya me ya bo e ntse e nkgoga ka botlhale le ka fa nka tshwarang bosilo ka gone, go tsamaya ke tla ke bona se se leng molemo mo baneng ba batho go se dira, tlase ga legodimo, ka metlha yotlhe ya botshelo jwa bone.
4 Ka itirela ditiro tse dikgolo; ka ikagela matlo; ka itlhomela masimo a mafine; 5ka itirela masimo le maemo a ditlhare, mme ka tlhoma ditlhare mo go one, tsa mehuta yotlhe ya maungo; 6ka itirela makadiba, go nosa ka one sekgwa sa lekidi kwa ditlhare di godisediwang gone. 7 Ka reka batlhanka le malata, ka ba ka tsalelwa batlhanka mo ntlong ya me; gape ke ne ke na le thuo tse dikgolo tsa matlhape le matsomane, go feta botlhe ba ba neng ba le pele ga me mo Jerusalema. 8 Ka ba ka iphuthela selefera le gouta, le khumo e e leng ya dikgosi tota, le ya dikgaolo tsa lefatshe; ka ipatlela baopedi ba banna, le baopedi ba basadi; le dilo tse di eletsegang tsa bana ba batho, le bagadingwana ba le bantsi thata.
9 Jalo ka bo ke le mogolo, mme ka kokotlegela bogolo go botlhe ba ba neng ba le pele ga me mo Jerusalema; gape botlhale jwa me jwa sala le nna. 10Sengwe le sengwe se matlho a me a ne a se eletsa, ga ke a ka ka a thiba mo go sone, ga ke a ka ka ikeola pelo mo boitumelong bope, gonne pelo e ne e itumela ka ntlha ya tiro yotlhe ya me; mme se, e ne e le yone kabelo e ke e bonyeng mo tirong ya me yotlhe fela. 11Foo ka leba ditiro tsotlhe tse diatla tsa me di di dirileng, le letsapa le ke ne ke ineile letsapa la go le dira; mme gotlhe e ne e le boithamako le go belebetlela phefo fela, mme go se na thuso epe tlase ga letsatsi. 12Mme ka ithetolola, ka re, ke leba botlhale, le botsenwa le bosilo; gonne monna yo o tlang morago ga kgosi o ka ba a dirang? O ka dira sone fela se se dirilweng gale. 13Foo ka bona fa botlhale bo gaisa bosilo, fela jaaka lesedi le gaisa lefifi. 14Matlho a motho yo o botlhale a mo tlhogong ya gagwe, mme seeleele se tsamaya mo lefifing; le fa go ntse jalo ka lemoga fa tirafalo e le nngwe fela e ba dirafalela botlhe. 15Foo ka ithaya mo pelong, ka re: “Jaaka go dirafalela seeleele, le nna go tlaa ntirafalela jalo; mme e le foo ka bo ke le botlhale bogolo ka ntlha yang?” Foo ka ithaya mo pelong, ka re, se le sone ke boithamako. 16Gonne ka ga motho yo o botlhale, fela jaaka ka ga seeleele, ga bo go se na kgakologelo ka bosakhutleng; ka e tlaa re mo metlheng e e tlang gotlhe fela go tlaa bo go setse go lebetswe. A motho wa mogolo yo o botlhale, ka o ba a swa jaaka seeleele fela! 17Jalo ka ila botshelo; gonne tiro e e dirwang tlase ga letsatsi e le botlhoko mo go nna; gonne gotlhe ke boithamako, le go belebetlela phefo fela.
18Ka ila letsapa la me lotlhe fela le ke le ineileng tlase ga letsatsi; gonne ke na le go le tlogelela motho yo o tlaa nnang morago ga me. 19E mang yo o itseng, gore a e tlaa nna motho yo o botlhale kgotsa seeleele? Le fa go ntse jalo o tlaa nna le taolo mo letsapeng la me lotlhe le ke le ineileng, le le ke itshupileng botlhale mo go lone tlase ga letsatsi. Se le sone ke boithamako fela. 20Ke gone ka moo ka menoga, ka re ke tlhobosa pelo ya me ka ga letsapa lotlhe le ke ne ke le ineile tlase ga letsatsi. 21Gonne go na le motho yo letsapa la gagwe le dirwang ka botlhale, le ka kitso, le ka botswerere; le fa go ntse jalo o tlaa le tlogelela motho yo o se kang a dira mo go lone, go nna kabelo ya gagwe. Se le sone ke boithamako le bosula jo bogolo fela. 22Gonne motho o a ba a na le eng mo letsapeng la gagwe lotlhe fela, le mo thekisegong ya pelo ya gagwe, mo o inayang letsapa la gone tlase ga letsatsi? 23 Gonne malatsi a gagwe otlhe ke mahutsana fela, le thekisego ya gagwe ke mahumapelo fela; ee, le e bong mo bosigong pelo ya gagwe ga e ikhutse. Se le sone ke boithamako fela.
24 Ga go na sepe se se molemo mo mothong bogolo go go ja, le go nwa, le go jesa mowa wa gagwe molemo mo letsapeng la gagwe. Se le sone ka se bona fa se tswa mo seatleng sa Modimo. 25Gonne e mang yo o ka jang, kgotsa e mang yo o ka bonang go ja monate, bogolo go nna? 26 Gonne motho yo o o kgatlhang, Modimo o tle o mo neye botlhale, le kitso, le boitumelo; mme o neye moleofi thekisego, go phutha le go dira mokoa, gore a tle a abele ene yo o kgatlhang Modimo. Se le sone ke boithamako le go belebetlela phefo fela.

Currently Selected:

MORERI 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy