YouVersion Logo
Search Icon

LUKE 9

9
Jesu o roma barutwa ba le 12
(Math 10:5-15; Mar 6:7-13)
1A phutha ba ba 12, a ba naya thata le taolo go laola mewa e e maswe yotlhe, le go fodisa malwetse. 2A ba roma gore ba ye go rera bogosi jwa Modimo, le go fodisa ba ba lwalang. 3 A ba raya a re: “Lo se ka lwa tseela loeto lwa lona sepe, le fa e ka nna thobane, le fa e le kuana, le fa e le senkgwe, le fa e le madi; le gone a go se nne ope wa lona yo o tsayang dikobo di le pedi. 4Ntlo e lo tsenang mo go yone, le fa e ka nna efe, lo nne teng; e be e nne yone e lo tswang mo go yone fa lo tsamaya. 5Le fa e le bomang ba ba sa lo tsholeng, e re lo tswa mo motseng oo, lo itlhotlhore lorole mo dinaong tsa lona, go nna tshupo ka ga bone.”
6Ba tsamaya; ba ralala metsana, ba rera Mafoko a a Molemo, ba ba ba fodisa balwetse mo ntlheng tsotlhe.
Herote o a tsietsega
(Math 14:1-12; Mar 6:14-29)
7 Jaana kgosana Herote a utlwa ka ga dilo tsotlhe tse di dirilweng ke ene; mme a akabala thata, gonne bangwe ba re: “Johane o tsogile mo losong.” 8Ba bangwe ba re: “Elija o bonetse,” mme ba bangwe ba re: “Mongwe wa baperofeti ba bogologolo o bile o tsogile.” 9Herote a re: “Johane ke mo kgaotse tlhogo; mme yo ke utlwang dilo tse di ntseng jaana ka ga gagwe, ya bo e le mang?” Mme a eletsa go mmona.
Jesu o fepa ba ba 5 000
(Math 14:14-21; Mar 6:30-44; Joh 6:1-14)
10E rile baaposetole ba sena go boa, ba mmolelela dilo tse ba di dirileng. A ba tsaya, ba ngongwaelela kwa thoko ba le bosi, kwa motseng o o bidiwang Bethesaita. 11Ya re batho ba bantsi ba sena go lemoga ba mo latela; a ba tshola a bua nabo ka ga bogosi jwa Modimo, a fodisa ba ba tlhokang phodiso.
12Ya re letsatsi le simolola go fefa, ba ba 12 ba tla kwa go ene, ba mo raya ba re: “Phatlalatsa bontsi jo, jwa batho, gore ba ye kwa metseng le kwa metsaneng mo ntlheng tsotlhe, ba robale teng, ba bone dijo; gonne fano re mo gare ga naga fela.”
13A ba raya a re: “Lona lo ba fe, ba je.” Mme ba re: “Ga re na sepe, fa e se dinkgwe di le tlhano le ditlhapi di le pedi; fa e se fela re ka ya go rekela batho botlhe ba dijo.” 14Gonne go ne go le banna e ka ne e le ba le 5 000. A raya barutwa ba gagwe gore ba dudise batho fa fatshe ka masomo, lesomo lengwe le lengwe batho ba nne 50.
15Ba dira jalo ba ba dudisa botlhe. 16Mme a tsaya dinkgwe tse tlhano, le ditlhapi tse pedi, a lelalela legodimong a di segofatsa, a di ngathoganya, a di neela barutwa go di baya fa pele ga batho. 17Ba ja, ba kgora botlhe; mme ga selwa dikabetla tse ba di siileng, diroto di le 12.
Polelo ya ga Petere ka ga Jesu
(Math 16:13-19; Mar 8:27-29)
18Ga dirala ya re a rapela a le esi, barutwa ba gagwe ba bo ba na nae; mme a ba botsa a re: “Batho ba tle ba re nna ke mang?”
19 Ba mo fetola ba re: “Johane Mokolobetsi; bangwe ba re: Elija; ba bangwe ba re: mongwe wa baperofeti ba bogologolo o bile o tsogile.”
20 A ba raya a re: “Lona lwa re ke mang?” Petere a mo fetola a re: “O Keresete wa Modimo.”
Jesu o bolela ka ga loso lwa gagwe
(Math 16:20-28; Mar 8:30 – 9:1)
21A ba laya thata, a ba laola gore ba se bolelele ope selo seo; 22a re: “Morwa Motho o na le go boga dilo di le dintsi, le go ganwa ke bagolwane le ke ditlhogo tsa baperesiti, le bakwadi, mme o tlaa bolawa, a ba a tsosiwa ka letsatsi la boraro.”
23 A raya botlhe a re: “Fa motho mongwe a rata go ntshala morago a a iitatole, a tseye mokgoro wa gagwe ka malatsi otlhe, mme a ntshale morago. 24 Gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, yoo o tlaa bo boloka. 25Gonne motho o a ba a ka thusega eng, fa a fenya lefatshe lotlhe, mme ene ka sebele sa gagwe a itimetsa, kgotsa a itatlha? 26Gonne le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, Morwa Motho o tlaa tlhabisiwa ditlhong ke ene, mogang o tlang ka kgalalelo ya gagwe, le ya ga rraagwe, le ya baengele ba ba boitshepo. 27Ke lo bolelela ruri gore go na le bangwe ba bone ba ba emeng fa, ba ba se ketlang ba utlwa loso, ba ise ba bone bogosi jwa Modimo.”
Kgalalelo ya ga Jesu mo thabeng
(Math 17:1-8; Mar 9:2-8)
28 Ga dirala ya re e ka ne e le malatsi a 8 morago ga mafoko a, a tsaya Petere, le Johane le Jakobe, a tlhatlogela mo thabeng, a ya go rapela. 29Ya re a sa ntse a rapela, tshwano ya sefatlhogo sa gagwe ya fetoga, le diaparo tsa gagwe tsa sweufala, e le bosweu jo bo fatlhang. 30Mme bonang, ga bua nae banna ba le babedi, e le Moše le Elija; 31ba bonala ba le mo kgalalelong, mme ba bua ka ga go swa ga gagwe mo o tlaa tlogang a go dirafatsa kwa Jerusalema. 32Jaana Petere le ba o nang nabo ba bo ba fentswe ke boroko; ya re ba sena go tsoga, ba bona kgalalelo ya gagwe, le banna ba babedi ba ba emeng nae. 33Ga dirala ya re ba kgaogana nae, Petere a raya Jesu a re: “Morena, go molemo go rona go nna fa; o mme re dire metlaagana e le meraro; mongwe e nne wa gago, mongwe e nne wa ga Moše, mongwe e nne wa ga Elija,” ka a sa itse se o se buang.
34Mme ya re a sa ntse a bua jalo, ga tla leru la ba tshutifalela; mme ya re ba tsena mo lerung ba boifa. 35 Ga tswa lentswe mo lerung la re: “Yo ke Morwaake, (yo o rategang) moitshenkedwi wa me; utlwang ene.”
36Mme ya re lentswe le khutla, Jesu a bonwa a le esi. Mme ba didimala fela, ba se ka ba bolelela ope mo malatsing ao sepe sa dilo tse ba di bonyeng.
Jesu o fodisa mosimane yo o karalalang
(Math 17:14-18; Mar 9:14-27)
37Ga dirala ya re ka moso ba sena go fologa mo thabeng, bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo kgatlhantsha. 38Mme bonang, monna mongwe mo bontsing a goa a re: “Moruti, ke a go rapela, a ko o lebe morwaake; gonne ke ene ngwanake yo o esi. 39Mme bona, mowa o tlo o mo tseye, mme re tshogane ka a goa, o mo tsibiketse, a phoke masulo, o mo tapete, o mo tlogele ka bothata. 40Ke rapetse barutwa ba gago gore ba o kgoromeletse ntle; mme ba reteletswe.”
41Jesu a fetola a re: “Ao, losika lo lo se nang tumelo, lo lo tlhogo e thata! Ke tlaa nna le lona lobaka lo lo kae ke iphapaanya le lona? Lere morwao kwano.”
42Ya re a sa ntse a tla kwa go ene, mowa o o maswe wa mo piriganya, wa mo tsibiketsa mo go botlhoko. Jesu a kgalemela mowa o o maswe, a fodisa ngwana, a ba o mo neela rraagwe.
Jesu o bolela loso lwa gagwe gape
(Math 17:22-23; Mar 9:30-32)
43Botlhe ba gakgamadiwa ke tlotlomalo e kgolo ya Modimo. Ya re ba sa ntse ba gakgametse botlhe ka ga dilo tsotlhe tse Jesu o di dirileng, a raya barutwa ba gagwe a re: 44“A mafoko a, a tsenelele mo ditsebeng tsa lona; gonne Morwa Motho o tlaa neelwa mo diatleng tsa batho.” 45Mme ba se ka ba tlhaloganya lefoko le; ba le lobelwa gore ba se ka ba le lemoga; mme ba boifa go mmotsa ka ga lefoko leo.
Yo mogolo ke mang
(Math 18:1-5; Mar 9:33-37)
46 Mme ga tsoga kgang mo go bone ya gore, yo o tlaa nnang mogolo mo go bone ke mang? 47Ya re Jesu a bona mogopolo wa dipelo tsa bone, a tsaya ngwanyana, a mmaya fa go ene. 48 A ba raya a re: “Le fa e le mang yo o tlaa tsholang ngwanyana yo ka leina la me, o tshola nna; mme le fa e le mang yo o tlaa ntsholang, o tshola ene yo o nthomileng; gonne yo o leng mmotlana bogolo mo go lona, ke ene yo e leng mogolo.”
Yo o sa tlhabaneng le rona o ntlheng ya rona
(Mar 9:38-40)
49Johane a bua a re: “Morena re kile ra bona mongwe a kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle ka leina la gago; mme ra mo itsa ka a sa go sale morago le rona.” 50Jesu a mo raya a re: “Lo se ka lwa mo itsa; gonne yo o sa tlhabaneng le rona o ntlheng ya rona.”
Motse mongwe wa Samaria o gana go amogela Jesu
51Ga dirala e rile motlha o setse o atametse o a tlaa tsholediwang ka one, a lebanyetsa ruri sefatlhogo sa gagwe go ya Jerusalema. 52A roma barongwa fa pele ga sefatlhogo sa gagwe; ba ya ba tsena mo motsaneng wa Basamaria go mo etleeletsa teng. 53Mme ba se ka ba mo tshola, ka sefatlhogo sa gagwe se ntse jaaka e kete o ya Jerusalama. 54 Ya re barutwa ba gagwe, Jakobe le Johane, ba bona jalo ba re: “Morena, a o rata ra laola molelo wa fologa kwa legodimong wa ba laila?” 55Mme a retologa, a ba omanya, (a re: “Ga lo ikitse gore lo ba mowa o o ntseng jang. 56Gonne Morwa Motho ga a a tla go senya botshelo jwa batho fa e se go bo boloka fela.”) Mme ba ya kwa motsaneng o sele.
Ba ba ratang go nna balatedi ba ga Jesu
57Ya re ba ntse ba tsamaya mo tseleng, monna mongwe a mo raya a re: “Ke tlaa go sala morago gongwe le gongwe kwa o yang teng.”
58Jesu a mo raya a re: “Diphokoje di na le mesima, le dinonyane tsa loapi di na le ditlhaga; mme Morwa Motho ene ga a na fa o ka itatsang tlhogo teng.”
59A raya yo mongwe a re: “Ntshala morago.” Mme a re: “Morena, ntesa pele ke ye go fitlha rre.”
60Jesu a mo raya a re: “Lesa baswi ba fitlhe baswi ba bone; mme wena tsamaya o utlwatse bogosi jwa Modimo.”
61 Yo mongwe le ene a re: “Morena, ke tla go sala morago, ntesa pele ke ye go dumedisa bone ba ba kwa gaetsho.”
62Jesu a mo raya a re: “Ga go motho ope yo o ka reng a tshwere mogoma ka seatla, mme a šeba kwa morago, yo o ka tshwanelang bogosi jwa Modimo.”

Currently Selected:

LUKE 9: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy