YouVersion Logo
Search Icon

LUKE 10

10
Thomo ya ba ba masome a supa
1Jaana morago ga dilo tse, Morena a baakanya ba bangwe ba le 70, a ba roma ka bobedi le bobedi fa pele ga sefatlhogo sa gagwe, ba ya mo metseng yotlhe, le gongwe le gongwe kwa le ene o tlogang a ya teng. 2 A ba raya a re: “Thobo e kgolo ruri, mme badiri ba botlana; ke gone rapelang Morena wa thobo, gore a rome badiri mo thobong ya gagwe. 3 Tsamayang; bonang, ke lo roma jaaka dikwanyana gare ga diphiri. 4 Se tsholeng patana ya madi, le fa e le kuana, le fa e le ditlhako; le gone lo se ka lwa dumedisa ope mo tseleng. 5Ntlo e lo tsenang mo go yone, le fa e ka nna efe, e re pele lo re: ‘A kagiso e nne le ntlo e.’ 6Fa morwa kagiso a le teng, kagiso ya lona e tlaa nna mo go yone; mme fa a seyo, kagiso ya lona e tlaa ba e boela mo go lona. 7 Lo nne fela mo ntlong eo, lo ja lo nwa dilo tse ba di lo nayang; gonne modiri o tshwanetswe ke tuelo ya gagwe. Lo se ka lwa tsamayatsamaya le matlo fela. 8Motse o lo tsenang mo go one, le fa e ka nna ofe, mme ba lo tshola, lo je fela tse di bewang fa pele ga lona; 9lo fodise ba ba lwalang mo go one; lo bo lo ba reye lo re: ‘Bogosi jwa Modimo bo lo atametse.’ 10 Motse o lo tsenang mo go one, le fa e ka nna ofe, mme ba sa lo tshole, tswelang mo mebileng ya one lo re: 11‘Le e leng lorole lwa motse wa lona lo lo re ngaparetseng dinao, re a lo lo phimolela; le fa go ntse jalo, itseng mo gore bogosi jwa Modimo bo atametse.’ 12 Ke a lo raya, e tlaa re mo letsatsing leo, go tlaa nna botoka ka ga Sotoma bogolo go motse oo.
Metse e e sa ikwatlhaeng
(Math 11:20-24)
13 “A bo go latlhega wena Korasine! go latlhega wena Bethesaita! gonne fa ditiro tsa nonofo tse di dirilweng mo go lona di ka bo di dirilwe mo Ture le Sitone, ba ka bo ba sa bolo go ikwatlhaya, ba dutse mo matseleng a dikgetse le mo meloreng. 14Le fa go ntse jalo, go tlaa nna botoka ka ga Ture le Sitone mo katlholong bogolo go lona. 15 Wena Kaperenaume, a o golelediwa legodimong? O tlaa folosediwa mo Bobipong. 16 Yo o utlwang lona, o utlwa nna; yo o ganang lona, o gana nna; mme yo o ganang nna o gana ene yo o nthomileng.”
Go boa ga ba ba masome a supa
17Ba ba 70 ba boa ka boitumelo, ba re: “Morena, mewa e e maswe le yone ya re utlwa ka leina la gago.”
18Mme a ba raya a re: “Ke bonye Satane a wa jaaka logadima kwa legodimong. 19 Bonang, ke lo neile thata ya go gata dinoga le diphepheng, le mo nonofong yotlhe ya mmaba, ga go sepe se se tlaa lo utlwisang botlhoko ka gope. 20Le fa go ntse jalo, lo se ka lwa itumelela moo gore mewa e a lo utlwa; lo itumelele gore maina a lona a kwadilwe kwa legodimong.”
Jesu o a itumela
(Math 11:25-27)
21Ya re mo lobakeng loo Jesu a itumela ka Mowa o o Boitshepo a re: “Ke a go leboga, Rra, Morena wa legodimo le lefatshe; ka gobo dilo tse o di lobetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang, mme o di senoletse banyana ba bannye; ee, Rra, gonne go ne go le kgatlhego mo matlhong a gago gore go nne jalo.
22 “Dilo tsotlhe ke di neetswe ke Rre; mme ga go ope yo o itseng Morwa gore e mang, fa e se Rara; le Rara gore e mang, fa e se Morwa, le mongwe yo Morwa o ratang go mo mo senolela.”
23A retologela barutwa, a ba sebela, a re: “Go sego matlho a a bonang tse lo di bonang; 24gonne ke a lo raya, baperofeti ba le bantsi ba eleditse, le dikgosi, go bona tse lo di bonang, mme ba se ka ba di bona; le go utlwa tse lo di utlwang, mme ba se ka ba di utlwa.”
Setshwantsho sa Mosamaria yo o molemo
25 Mme bonang, motho mongwe wa molao, a ema a mo lalela a re: “Moruti, ke tlaa dirang gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?”
26A mo raya a re: “Go kwadilwe eng mo molaong? O bala jang?”
27 A fetola a re: “Go tulwe, o rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka thata yotlhe ya gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago; le mongwe ka wena jaaka o ithata.”
28 A mo raya a re: “O fetotse ka tshiamo; dira mo, mme o tlaa tshela.”
29Mme ene, ka a rata go itshiamisa, a raya Jesu a re: “Ana mongwe ka nna e be e le mang?”
30Jesu a mo fetola a re: “Monna mongwe o kile a tswa Jerusalema a fologela kwa Jeriko; mme a wela mo dinokwaneng; tsa mo rutla diaparo, tsa mo itaya, tsa tsamaya tsa mo tlogela a le gaufi le go swa. 31Mme ga tshoganwa ka moperesiti mongwe a tla ka tsela eo; mme ya re a mmona, a mo fapoga a feta ka fa ntlheng nngwe ya tsela. 32Fela jalo le molefi ya re a fitlha felong foo, mme a mmona a mo fapoga a feta ka fa ntlheng e nngwe ya tsela. 33 Mme Mosamaria mongwe ya re a etile, a tla fela fa o leng teng; ya re a mmona a mo tlhomogela pelo, 34a ya mo go ene a fapa dintho tsa gagwe, a di thela lookwane le bojalwa jwa mofine, a mo pega mo peleseng ya gagwe, a mo isa kwa ntlong ya baeti, a mo tlamela. 35Ka moso a ntsha bošeleng ba le bane, a ba naya mong wa ntlo, a mo raya a re: ‘Mo tlamele sentle; mme se o tlaa se ntshang bogolo go mo, ka ntlha ya gagwe, e tlaa re ke boa ke se go lefele.’
36“Jaana, o gopola gore ke mang wa ba bararo ba, yo o itshupileng a le wa ga gabo ene yo o wetseng mo dinokwaneng?”
37Mme a re: “Ke yo o mo utlwetseng botlhoko.” Jesu a mo raya a re: “Ya o dire jalo le wena.”
Jesu o etela Maretha le Maria
38 Jaana ga dirala ya re ba sa ntse ba tsamaya le tsela, a tsena mo motsaneng mongwe, mme mosadi mongwe yo o bidiwang Maretha a mo tsholela mo ntlong ya gagwe. 39Mme a bo a na le monnawe yo o bidiwang Maria, yo o bileng a ne a dutse fa dinaong tsa Morena, a utlwa mafoko a gagwe. 40Maretha a bo a imetswe ke go direla mo gogolo; mme a tla mo go ene a re: “Morena, a ga o re sepe ka nnake a nteseleditse go direla ke le nosi? Ka re mo reye a nthuse.”
41Morena a mo fetola a re: “Maretha, Maretha, o a tlhodiega, o itapisa ka dilo di le dintsi; 42go batlwa selo se le sengwe fela; gonne Maria o itshenketse kabelo e e molemo, e o se ketlang a e tlosediwa.”

Currently Selected:

LUKE 10: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy