YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 15

15
Jesu mofine wa nnete
1“Ke nna mofine wa ammaaruri, Rre ke ene Mmaakanyi wa tshimo. 2Kala nngwe le nngwe e e mo go nna, e e sa ungweng, o a e tlosa; mme kala nngwe le nngwe e e ungwang, o a e ntlafatsa, gore e ungwe bogolo. 3Lona lo setse lo le bantle le jaana, ka ntlha ya lefoko le ke le buileng le lona. 4Nnang mo go nna, le nna mo go lona. Jaaka kala e sa ka ke ya ungwa ka yosi, fa e sa nne mo mofineng; go ntse jalo le lona, fa lo sa nne mo go nna.
5“Ke nna mofine, lona lo dikala; yo o nnang mo go nna, le nna mo go ene, ke ene yo o ungwang segolo, gonne kwa ntle ga me ga lo ka ke lwa dira sepe. 6Fa motho a sa nne mo go nna, o latlhelwa kwa ntle jaaka kala, mme e omelele; batho ba di kgobokanye, ba di latlhele mo molelong, mme di jewe ke molelo. 7Fa lo nna mo go nna, le mafoko a me a nna mo go lona, lopang se lo se ratang, mme lo tlaa se direlwa. 8Rre o galalediwa ke mo, ke go re, fa lo ungwa segolo; jalo lo tlaa nna barutwa ba me. 9Fela jaaka Rara a nthatile, le nna ke lo ratile; nnang mo loratong lwa me. 10Fa lo tshegetsa ditaolo tsa me, lo tlaa nna mo loratong lwa me; fela jaaka ke tshegeditse ditaolo tsa ga Rre, mme ke ntse mo loratong lwa gagwe.
11“Dilo tse ke di buile le lona, gore boitumelo jwa me bo nne mo go lona, le gore boitumelo jwa lona bo dirafale. 12 Taolo ya me ke e, gore lo ratane, fela jaaka le nna ke lo ratile. 13Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo, fa motho a ka beela ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe. 14Lona lo ditsala tsa me, fa lo dira dilo tse ke di lo laolelang. 15Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka; gonne motlhanka ga a itse se morena wa gagwe o se dirang; mme ke lo biditse ditsala; gonne dilo tsotlhe tse ke di utlwile mo go Rre, ke di lo itsisitse. 16Ga lo a ka lwa intshenkela; ke nna ke itshenketseng lona, mme ka lo laolela go ya go ungwa, le gore loungo lwa lona lo tlhomame; gore e tle e re se lo se lopang Rara, le fa e ka nna eng, ka leina la me, a se lo neye. 17Dilo tse ke a di lo laolela, gore lo ratane.
Letlhoo la lefatshe
18“Fa lefatshe le lo ila, lo a itse fa le nkidile pele, le ise le lo ile. 19Fa lo ne lo le ba lefatshe, le ne le tlaa rata ba e leng ba lone; mme e re ka lo se ba lefatshe, mme ke lo itshenketse mo lefatsheng, ke gone lefatshe le lo ilang. 20 Gakologelwang lefoko le ke le buileng le lona, ka re: ‘Motlhanka ga a mogolo go feta morena wa gagwe.’ Fa ba mpogisitse, le lona ba tlaa lo bogisa; fa ba tshegeditse lefoko la me, le la lona ba tlaa le tshegetsa. 21Dilo tsotlhe tse, ba tlaa di lo direla ka ntlha ya leina la me, ka gobo ba sa itse yo o nthomileng. 22Fa ke ka bo ke se ka ka tla ka bua le bone, ba ka bo ba se na boleo; jaanong ga ba na seipato mo boleong jwa bone. 23Yo o nkilang, o ila le ene Rre. 24Fa ke ka bo ke se ka ka dira mo go bone ditiro tse ope o sele o se kang a di dira, ba ka bo ba se na boleo; mme jaanong ba mponye, ba bile ba idile nna le Rre. 25 Mo go a dirafala, gore lefoko le tlhomamisiwe, le le kwadilweng mo molaong wa bone, ga twe: ‘Ba nkidile ka bomo fela.’
26“E tlaa re fa Mogomotsi a tsile, yo ke tlaa mo romang mo go lona, a tswa kwa go Rara, e bong Mowa wa boammaaruri, o o tswang mo go Rara, ene o tlaa supa ka ga me; 27mme le lona lo a supa, gonne lo ntse lo na le nna go tswa kwa tshimologong.

Currently Selected:

JOHANE 15: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy