YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 14

14
Jesu ke ene tsela ya go ya kwa go Rara
1“A dipelo tsa lona di se huduege; lo dumela mo Modimong, dumelang le mo go nna. 2Mo ntlong ya ga Rre, go na le manno a le mantsi; fa go ne go sa nna jalo, nka bo ke le boleletse; gonne ke ya go lo baakanyetsa bonno. 3Mme fa ke ya go lo baakanyetsa bonno, ke tlaa tla gape, mme ke tlaa lo itsholela; gore kwa ke leng teng le lona lo nne teng. 4Kwa ke yang teng lo itse tsela ya teng.”
5Thomase a mo raya a re: “Morena, ga re itse kwa o yang teng; kana tsela re e itse jang?”
6Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo; ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna. 7Fa lo ne lo nkitsile, lo ka bo lo itsile le ene Rre; mme go tloga fano lo a mo itse, mme lo mmonye.”
8Filipo a mo raya a re: “Morena, re bontshe Rara, mme go tlaa bo go re lekanye.”
9Jesu a mo raya a re: “A ke gore ke ntse le lona lobaka lo lo kanakana, ga o ise o nkitse, Filipo? Yo o mponyeng o bonye Rara; o bua jang, wa re: ‘Re bontshe Rara’? 10A ga o dumele fa ke le mo go Rara, le Rara mo go nna? Mafoko a ke a buang le lona ga ke a ipuise ka nosi; mme Rara, ka a ntse mo go nna, o dira ditiro tsa gagwe. 11Ntumelang fa ke le mo go Rara, le Rara a le mo go nna; fa go sa nna jalo, ntumelang ka ntlha ya ditiro fela ka tsosi. 12Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o dumelang mo go nna, ditiro tse ke di dirang, le ene o tlaa di dira; o tlaa dira ditiro tse dikgolo go feta tse; gonne ke ya kwa go Rara. 13Mme se lo tlaa se lopang, le fa e ka nna eng, ka leina la me, sone ke tlaa se dira, gore Rara a galalediwe mo go Morwawe. 14Fa lo ntopa sengwe fela ka leina la me, sone ke tlaa se dira.
Jesu o solofetsa Mowa o o Boitshepo
15“Fa lo nthata lo tlaa tshegetsa ditaolo tsa me. 16Mme ke tlaa rapela Rara, mme o tlaa lo naya Mogomotsi o sele, gore a nne le lona ka bosakhutleng, 17e bong Mowa wa boammaaruri, o lefatshe le sa ka keng la o tshola; gonne ga le o bone, ga le o itse; lona lo a o itse; gonne o ntse le lona, mme o tlaa nna mo go lona.
18“Ga nketla ke lo tlogela lo le masiela fela; ke tlaa tla kwa go lona. 19E tlaa re kwa pelenyana, lefatshe le bo le sa tlhole le mpona; mme lona lo bo lo ntse lo mpona; e re ka ke tshedile, le lona lo tlaa tshela. 20E tlaa re mo letsatsing leo lo tlaa itse fa ke le mo go Rre, le lona mo go nna, le nna mo go lona.
21“Yo o nang le ditaolo tsa me, a di tshegetsa, ke ene yo o nthatang; mme yo o nthatang, o tlaa ratwa ke Rre, le nna ke tlaa mo rata, mme ke tlaa mo ipontsha.”
22Jutase – e seng Isekariote – a mo raya a re: “Morena, go dirile jang ka o tlaa ipontsha rona, mme e seng lefatshe?”
23Jesu a mo fetola a re: “Fa motho a nthata, o tlaa tshegetsa lefoko la me; mme Rre o tlaa mo rata, mme re tlaa tla mo go ene, re dira bonno jwa rona mo go ene. 24Yo o sa nthateng, ga a tshegetse mafoko a me; mme lefoko le lo le utlwang, ga se la me, ke la Rara yo o nthomileng.
25“Dilo tse ke di buile le lona, ke sa ntse ke ntse le lona. 26Mme Mogomotsi, e bong Mowa o o Boitshepo, yo Rara o tlaa mo romang ka leina la me, ene o tlaa lo ruta dilo tsotlhe; o tlaa lo gakolola tsotlhe tse ke di buileng le lona.
27“Kagiso ke e tlogela le lona; kagiso ya me ke a e lo naya; ga ke lo neye jaaka lefatshe le tle le neye batho. A dipelo tsa lona di se fuduege, le gone a di se boife. 28Lo utlwile jaaka ke lo reile ka re, ke a tsamaya, mme ke tlaa tla kwa go lona. Fa lo ne lo nthata lo ne lo tlaa itumela, ka gobo ke ya kwa go Rara; gonne Rara o mogolo bogolo go nna. 29Jaana ke lo boleletse go sa le gale, go ise go dirafale, gore e tle e re go diretse lo bo lo dumele. 30Ga nketla ke tlhola ke bua segolo le lona, gonne kgosana ya lefatshe e etla, mme ga e na sepe mo go nna; 31ke raya gore lefatshe le itse fa ke rata Rara, le jaaka Rara a nneile taolo, ke dira fela jalo. Nanogang, re tsweng mono.

Currently Selected:

JOHANE 14: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy