YouVersion Logo
Search Icon

BAFILIPI 2:3-8

BAFILIPI 2:3-8 TSW08NO

Lo se dire sepe ka go re lo itira lekoko, le fa e le ka go ipelafatsa fela, fa e se go re, ka boikokobetso jwa pelo, mongwe le mongwe a kaya yo mongwe fa a mo gaisa ka molemo. A mongwe le mongwe a se tlhokomele dilo tse e leng tsa gagwe fela, fa e se go re, mongwe le mongwe o tlhokomela le tse e leng tsa bangwe. Lo nne le pelo e mo go lona, e e neng e le mo go Keresete Jesu le ene, yo e rileng a le mo tshwanong ya Modimo, a se ka a kaya fa go lekana le Modimo e le se se ka huparelwang, mme a ikhudula, a tsaya tshwano ya motlhanka, ka a dirwa mo tshwanong ya batho. Mme o rile a fitlhelwa a le mo popegong ya motho, a ikokobetsa, a ineela fela le mo losong, e bong e e leng loso lwa mokgoro.