DIPALO 16:30-32
DIPALO 16:30-32 TSW08NO
Mme fa Jehofa a dira selo se seša, fa lefatshe le atlhamologa molomo, le ba kometsa, le tsotlhe tse ba nang natso, mme ba wela mo moleteng ba ntse ba utlwa, foo lo tlaa tlhaloganya fa batho ba ba nyaditse Jehofa.” Ga dirala ya re a sena go wetsa go bua mafoko otlhe a, lefatshe la phatloga fa tlase ga bone. Lefatshe la atlhamologa molomo, la ba kometsa, le ba matlo a bone, le batho botlhe fela ba ga Kora, le dithoto tsa bone tsotlhe fela.





