YouVersion Logo
Search Icon

LUKE 17

17
Dithaelo tsa go leofa
(Math 18:6-7,21-22; Mar 9:42)
1A raya barutwa ba gagwe a re: “Go retetse gore dikgopiso di se ka tsa tla; mme go latlhega ene yo di tlang ka ene. 2Go ka bo go le molemo bogolo mo go ene fa lolwala lo ka bo lo gokeletswe mo thamong ya gagwe, mme a thabuediwa mo lewatleng, bogolo go fa a ka bo a kgopisa mongwe wa ba babotlana ba. 3 Itiseng: E re fa wa gaeno a go leofela, o mo omanye; mme fa a ikwatlhaya, o mo itshwarele. 4Fa a go leofela gasupa ka letsatsi, mme a nna a boela mo go wena gasupa ka letsatsi a re: ‘Ke a ikwatlhaya,’ o mo itshwarele fela.”
Totisa tumelo ya rona
5Baaposetole ba raya Morena ba re: “Totisa tumelo ya rona.” 6Morena a re: “Fa lo ne lo na le tumelo, e le kana ka tlhaka ya peo ya mosetara, lo ne lo ka raya setlhare se sa mosekamine lwa re: ‘Khumoga ka medi, o ye go tlhongwa mo lewatleng;’ se ne se tlaa lo utlwa.
Tshwanelo ya motlhanka
7“Ke mang wa lona yo e ka reng a na le motlhanka yo o lemang, kgotsa a disa dinku, e re a goroga a tswa kwa nageng, a ka mo raya a re: ‘Tla, o dule o je?’ 8Bogolo a ga a mo reye a re: ‘Baakanya se ke lalelang ka sone, o ikokwaele, o ntirele, ke tle ke tsamaye ke je ke nwe; morago o tlaa itse go ja le go nwa?’ 9A o tle a leboge motlhanka yoo ka a dirile dilo tse o di laoletsweng? 10Go ntse jalo le lona, e tlaa re lo sena go dira dilo tsotlhe tse lo di laoletsweng, lo re: ‘Re batlhanka ba re se nang molemo; re dirile se e neng e le tshwanelo ya rona go se dira, fela.’ ”
Jesu o fodisa balepero ba le some
11Ga dirala ya re a sa ntse a etela kwa Jerusalema, a ralala fa gare ga Samaria le Galilea. 12Ya re a tsena mo motsaneng mongwe, a kgatlhana le banna ba le some, e le balepero, ba emetse kwa kgakala; 13mme ba tsholetsa mantswe a bone ba re: “Jesu, Morena re utlwele botlhoko!”
14 Ya re a ba bona, a ba raya a re: “Tsamayang, lo ye go itshupetsa baperesiti.” Ga dirala ya re ba sa tsamaya, ba ntlafala. 15Mongwe wa bone o rile a ipona fa a fodisitswe a boa, a galaletsa Modimo ka lentswe le legolo. 16A wela ka sefatlhogo fa fatshe fa dinaong tsa gagwe, a mo leboga; mme ya bo e le Mosamaria. 17Jesu a bua a re: “A ba ne ba sa ntlafadiwa boo some? Ba ba 9 ba kae? 18A go ne go sa bonwe ope yo o boang a tla go baka Modimo, fa e se moeng yo?” 19Mme a mo raya a re: “Nanoga, o tsamaye; tumelo ya gago e go fodisitse.”
Go tla ga bogosi jwa legodimo
(Math 24:23-28,36-41)
20Mme e rile a bodiwa ke Bafarisai, gore bogosi jwa Modimo bo tlaa tla leng, a ba fetola a re: “Bogosi jwa Modimo ga bo tle ka go bonwa. 21Le gone ga ba ketla ba re: ‘Bonang fano!’ kgotsa; ‘Bonang fale!’ Gonne bonang, bogosi jwa Modimo bo mo teng ga lona.”
22A raya barutwa a re: “Metlha e tlaa tla e lo tlaa eletsang go bona letsatsi lengwe la malatsi a Morwa Motho ka yone, mme ga lo ketla lo le bona. 23Ba tlaa lo raya ba re: ‘Bonang fale!’ kgotsa, ‘Bonang fano!’ Se tsamayeng, le fa e le go ba sala morago. 24Gonne jaaka e a re fa logadima lo gadima ntlheng nngwe tlase ga legodimo, lo phatsimele kwa ntlheng e nngwe tlase ga legodimo; Morwa motho le ene o tlaa nna jalo mo motlheng wa gagwe. 25Pele o na le go boga dilo di le dintsi, le go ganwa ke losika lo. 26 Jaaka go kile ga dirala mo metlheng ya ga Noa, go tlaa nna fela jalo le mo metlheng ya Morwa Motho. 27 Ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba neelwa nyalong, ga tsamaya ga tla letsatsi le Noa o tsenang mo ntlong e e kokobalang ka lone, mme morwalela wa tla wa ba senya botlhe fela. 28 Le jaaka go diretse mo metlheng ya ga Lote: Ba ne ba ja, ba nwa, ba reka, ba rekisa, ba tlhoma, ba aga; 29mme ka letsatsi leo fela, le Lote o duleng mo Sotoma ka lone, ga nna molelo le sulefura mo go tswang legodimong, ga ba laila botlhe fela. 30Go tlaa nna fela jalo mo motlheng o Morwa Motho o tlaa senolwang ka one.
31 “A e re mo letsatsing leo yo o mo godimo ga ntlo, mme dilo tsa gagwe di le mo ntlong, a se ka a fologa a ya go di tlosa; jalo le ene yo o kwa nageng, a se ka a boela kwa morago. 32 Gakologelwang mosadi wa ga Lote. 33 Le fa e le mang yo o tlaa batlang go boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe, o tlaa bo boloka. 34Ke a lo bolelela ka re, e tlaa re mo bosigong joo, go tlaa bo go le batho ba le babedi ba tlhakanetse phate; mme mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe. 35Basadi ba le babedi ba tlaa bo ba sila mmogo; mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe. 36(Banna ba le babedi ba tlaa bo ba le mo nageng; mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe.)”
37Mme ba mo fetola, ba mo raya ba re: “Kae, Morena?” A ba raya a re: “Kwa setoto se leng teng, manong le one a tlaa phuthegela teng.”

Currently Selected:

LUKE 17: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy