EKESODO 3:7-8
EKESODO 3:7-8 TSW08NO
Jehofa a re: “Ruri ke bonye patikego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto, ke bile ke utlwile thomeletso ya bone ka ntlha ya bagobagobetsi ba bone; ka gobo ke a a itse mahutsana a bone; mme ke fologetse go ba golola mo seatleng sa Baegepeto, le go ba tlhatlosa mo lefatsheng leo, go ba isa kwa lefatsheng le le molemo, le le atlhameng, kwa lefatsheng le le elang maši le dinotshe; kwa felong ga Bakanana, le Bahite, le Baamore, le Baperise, le Bahife, le Bajebuse.





