YouVersion Logo
Search Icon

III JOHANE 1

1
Tumediso
1 Ke nna mogolwane; ke kwalela Gaio moratwa, yo ke mo ratang ruri. 2Moratwa, ke rapela gore mo dilong tsotlhe o tle o tlhogonolofale, o robale sentle, fela jaaka mowa wa gago o a bo o ntse o tlhogonolofetse. 3Gonne nkile ka itumela thata jale ka bakaulengwe bangwe ba tla, ba supa ka ga boammaaruri jwa gago, fela jaaka o ntse o tsamaya mo boammaaruring. 4Ga ke na boitumelo bope jo bo fetang jo, jwa go utlwa fa bana ba me ba ntse ba tsamaya mo boammaaruring.
Gaio o a bokiwa
5Moratwa, o dira tiro ya boikanngo mo go sengwe le sengwe se o se direlang ba e leng bakaulengwe, e bile e le baeng; 6ba ba supileng ka ga lorato lwa gago fa pele ga phuthego; ba e tlaa reng o ba tsamaisetsa pele mo loetong lwa bone, ka mokgwa o o tshwanetseng Modimo, o tlaa bo o dira sentle; 7ka ba bolotse ka ntlha ya Leina fela, ba sa amogele sepe mo go Baditšhaba. 8Ke gone, re tshwanetse go gorosa ka pula ba ba ntseng jalo, gore re tle re nne badiri mmogo le boammaaruri.
Dioterefese le Demeterio
9Nkile ka kwalela phuthego lefoko lengwe; mme Dioterefese, yo o eletsang ya bo e le ene tlhogo mo go bone, ga a re tshole. 10Ke gone, fa ke ka ya koo, ke tlaa gakologelwa ditiro tsa gagwe tse o di dirang, ka a ntse a re balabalela ka mafoko a a bosula; mme le mo, go bo go sa lekane; go le ene ga a tshole bakaulengwe, le ba ba eletsang go dira jalo o a ba itsa, a ba leleke mo phuthegong. 11Moratwa, o se ka wa etsa se se bosula, fa e se se se molemo fela. Yo o dirang molemo ke wa Modimo; yo o dirang bosula ga a ise a bone Modimo. 12Demeterio o na le tshupo ya batho botlhe, le ya jone boammaaruri ka josi. Ee, le rona re a supa; mme o a itse fa tshupo ya rona e le boammaaruri.
Ditumediso tsa bofelo
13Ke ne ke na le dilo di le dintsi go di go kwalela, mme ga ke rate go di go kwalela ka enke le pene. 14Ke solofetse gore ke tlaa akofa ke go bona, mme re tlaa bua re lebanye. Kagiso e nne nao. Ditsala di a go dumedisa. O tle o dumedise ditsala ka maina.

Currently Selected:

III JOHANE 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy