YouVersion Logo
Search Icon

2 BAKORINTHE 1

1
Tumediso
1 Ke nna Paulo, moaposetole wa ga Keresete Jesu, ka go rata ga Modimo, ke na le Timotheo mokaulengwe wa rona. Re kwalela phuthego ya Modimo e e kwa Korinthe, le baitshepi botlhe ba ba mo lefatsheng lotlhe la Akaia. 2Ka re, a tshegofatso e nne le lona, le kagiso e e tswang kwa Modimong Rraetsho, le kwa go Morena Jesu Keresete.
Paulo o isa malebogo Modimong
3A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, Rra mautlwelobotlhoko, le Modimo wa kgomotso yotlhe; 4o o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona, gore re tle re nonofele go gomotsa ba ba mo pitlaganong nngwe le nngwe, ka kgomotso e rona ka rosi re gomodiwang ka yone ke Modimo. 5Gonne jaaka dipogiso tsa ga Keresete di re totetse, kgomotso ya rona le yone e tota fela jalo ka Keresete. 6Le fa rona re le mo pitlaganong, e be e le gore lona lo bone kgomotso le poloko; kgotsa le fa re gomodiwa, e be e le gore lo bone kgomotso, e e dirwang mo go lona mo go itshokeleng dipogiso tse le rona re di bogang. 7Tsholofelo ya rona ka ga lona e nitame; ka re itse gore, jaaka lo tlhakanetse le rona dipogiso, lo ntse jalo le mo kgomotsong.
8 Gonne bagaetsho, ga re rate lwa tlhoka go itse ka ga pitlagano ya rona e e re wetseng mo lefatsheng la Asia, ka fa re ne ra gatelelwa thata ka teng, go fetisa nonofo ya rona, ra ba ra tlhoboga le e leng jone botshelo. 9Ee, rona ka rosi re ne re itshwaneditse loso mo teng ga rona, gore re se ka ra iikanya ka rosi, mme re ikanye Modimo o o tsosang baswi, 10o o re golotseng mo losong lo lo kalo, o o tlaa bang o golola; o re o ikantseng gore o tlaa nna o re golola fela. 11Le lona lo ntse lo dumalanye mo go re thuseng ka morapelo wa lona; gore malebogo a ntshiwe ke batho ba le bantsi ka ga rona, ka neo e re e neilweng ka ntlha ya mekokotlelo ya batho ba le bantsi.
Loeto lwa ga Paulo lo busediwa kwa morago
12Gonne go ipelafatsa ga rona ke ka gone mo, e bong sesupo sa segakolodi sa rona sa gore re tshedile mo lefatsheng, mme segolo ntlheng ya lona ka boitshepo le ka bopeloephepa jwa Modimo, e seng ka botlhale jwa nama, mme e le ka tshegofatso ya Modimo. 13Gonne ga re lo kwalele dilo dipe di sele, fa e se tse lo di balang, le tse lo reng ke mabolelela ruri, tse ke bileng ke solofetse gore lo tlaa nna lo di kaya jalo le go ya bokhutlong; 14jaaka le rona lo kile lwa re ipolela ka ntlha nngwe lwa re, ke rona boipelafatso jwa lona, fela jaaka le lona lo le boipelafatso jwa rona, mo tsatsing le Morena Jesu.
15E rile ka ke ne ke na le boikanyo jo, ka rata go ya koo go lona gale gore lo tle lo bone letshego la bobedi; 16 le gore ke tle ka lona, ke fetela kwa Maketonia, le go ba ke tla kwa go lona ke tswa Maketonia, le go tswelediswa ke lona kwa pele mo loetong lwa me ke ya Jutea. 17Ke gone e rile ke rata jalo, a nkile ka itshupa botlhokatlhomamo? Kgotsa dilo tse ke di ikaeletseng, a ke ikaeletse ka fa nameng, gore mo go nna go tle go nne: ee, ee, le nnyaa, nnyaa? 18Jaaka Modimo o le boikanngo, puo ya rona mo go lona ga se ee, le nnyaa. 19 Gonne Morwa Modimo, Jesu Keresete, yo o rerilweng mo go lona ke rona, e bong ke nna le Silefano le Timotheo, e ne e se go re, ee le nnyaa, mme mo go ene ke ee fela. 20Gonne le fa dipolelo tsa tsholofetso tsa Modimo di ka bo di le dintsi jang, mo go ene go na le ee fela, ke gone le gone go leng Amen o wa rona ka ene, kgalaletsong ya Modimo ka rona. 21Jaana yo o tlhomamisang rona le lona mo go Keresete, le yo o re tloditseng, ke Modimo; 22o o bileng wa re baya sekano, wa re naya peelelo ya Mowa mo pelong tsa rona.
23Ke bitsa Modimo gore o nne mosupi mo moweng wa me, fa ke ithibile gore ke se ye Korinthe, mme e le gore ke lo rekegele. 24E be e se gore re na le borena mo tumelong ya lona, mme re bakokotletsi ba boitumelo jwa lona, gonne lo eme ka tumelo.

Currently Selected:

2 BAKORINTHE 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy