YouVersion Logo
Search Icon

1 DIKGOSI 1

1
Botsofe jwa ga Dafite
1Jaana kgosi Dafite o ne a tsofetse a le dinyaga di le dintsi; ba ne ba tle ba mo khurumetse ka dikobo, mme a se ke a thuthafale. 2Ka ntlha ya moo batlhanka ba gagwe ba mo raya ba re: “A kgosi morena wa rona a senkelwe morweetsana wa kgarebana, a a eme fa pele ga kgosi, a e ngomaele, a robale mo sehubeng sa gago, gore kgosi morena wa rona a tle a thuthafale.” 3Jalo ba batla morweetsana yo montle ba ya le melelwane yotlhe ya Iseraele, ba bona Abišage wa Mošuneme, ba mo isa kwa kgosing. 4Morweetsana yo a bo a le montle thata; a ngomaela kgosi, a e direla; mme kgosi ya se ka ya mo itse.
Atonija o ikgapela bogosi
5 Foo Atonija morwa Hagithe a ikgodisa a re: “Ke tlaa nna kgosi.” A ipaakanyetsa dikara, le bapalama dipitse, le banna ba ba 50 ba ba sianang fa pele ga gagwe. 6Rraagwe o ne a ise a mo itumolole gope ka go re: “Ana o diretseng jalo?” E ne e bile e le monna yo o bopegileng sentle thata; a rulagana le Abesalome mo go tsalweng. 7A gakololana le Joabe morwa Seruja, le Abiathare moperesiti; mme bao ba thusa Atonija ka go mo sala morago. 8Satoke moperesiti le Benaia morwa Joiata, le Nathane moperofeti, le Shimei, le Rei, le banna ba ba diganka ba e ne e le ba ga Dafite ba bo ba se kwa go Atonija.
9Atonija a tlhaba dinku le dikgomo le tse di nonneng fa lefikeng la Sohelethe, le le bapileng le Enerogele; a bitsa bomorwa rraagwe botlhe, bomorwa kgosi, le banna botlhe ba Juta batlhanka ba kgosi; 10mme Nathane moperofeti, le Benaia, le banna ba ba diganka, le Solomone morwa rraagwe, bone, a se ka a ba bitsa.
Solomone o dirwa kgosi
11 Foo Nathane a bua le Bathešeba mmaagwe Solomone a re: “A ga o ise o utlwe fa Atonija morwa Hagithe a busa, mme Dafite morena wa rona a sa go itse? 12Mme jaana, ke a go rapela, o mme ke go gakolole, gore o tle o iphedise, o bo o tshedise Solomone morwao. 13Ya o tsene kwa go kgosi Dafite, o mo reye o re: ‘Kgosi, morena wa me, a ga o a ikanela lelata la gago wa re; ruri Solomone morwao o tlaa busa morago ga gago, o tlaa dula mo setulong sa gago sa bogosi? Jaana Atonija o busa jang?’ 14Bona, o tlaa re o sa ntse o bua gone le kgosi, le nna ke tlaa tsena morago ga gago, ke tlhomamisa mafoko a gago.”
15Bathešeba a ya a tsena kwa kgosing kwa ntlwaneng; kgosi e ne e tsofetse thata; Abišage we Mošuneme a bo a direla kgosi. 16Bathešeba a inama a ikobela kgosi; mme kgosi ya re: “O no o batlang?”
17Mohumagadi a mo raya a re: “Morena wa me, o ne wa ikanela lelata la gago ka Jehofa Modimo wa gago, wa re: ‘Ruri Solomone morwao o tlaa busa morago ga gago, o tlaa dula mo setulong sa gago sa bogosi.’ 18Mme jaana bona, Atonija o a busa; wena, kgosi morena wa me, ga o go itse. 19O tlhabile dikgomo le tse di nonneng le dinku ka bontsi, o bile o biditse bomorwakgosi botlhe, le Abiathare moperesiti, le Joabe molaodi wa ntwa, mme Solomone motlhanka wa gago a se ka a mmitsa. 20Wena, kgosi morena wa me, matlho a Baiseraele botlhe a mo go wena, gore o ba bolelele yo o tlaa dulang mo setulong sa bogosi sa kgosi morena wa me morago ga gago. 21Fa go se ka ga nna jalo, e tlaa re kgosi morena wa me a sena go robala le borraagwe, go tlaa dirala go re, nna le morwaake Solomone re tlaa kaiwa bakgoreletsi fela.”
22Bonang, ya re a sa ntse a bua le kgosi Nathane moperofeti a tsena. 23Ba bolelela kgosi ba re: “Bona, Nathane moperofeti ke yo.” Ya re a sena go tsena fa pele ga kgosi, a inamisetsa sefatlhogo sa gagwe fa fatshe fa pele ga kgosi. 24Nathane a re: “Kgosi morena wa me, a o rile, Atonija o tlaa busa morago ga gago, a ke ene yo o tlaa dulang mo setulong sa gago sa bogosi? 25Gonne o tsamaile gompieno, o tlhabile dikgomo, le tse di nonneng le dinku ka bontsi, o biditse bomorwa kgosi botlhe, le balaodi ba ntwa, le Abiathare moperesiti, bona, ba a ja ba a nwa fa pele ga gagwe; mme ba re: ‘A Modimo o boloke kgosi Atonija.’ 26Mme nna, e bong nna motlhanka wa gago, le Satoke moperesiti, le Benaia morwa Joiata, le motlhanka wa gago Solomone, ga a a re bitsa. 27A selo se, se dirilwe ke kgosi morena wa me, mme o sa tlhaloganyetsa batlhanka ba gago yo o tlaa dulang mo setulong sa bogosi sa kgosi morena wa rona morago ga gagwe?”
28Foo kgosi Dafite a ba fetola a re: “Mpiletsang Bathešeba.” Mme a tla fa pele ga kgosi, a ema fa pele ga kgosi. 29Kgosi ya ikana ya re: “Jaaka Jehofa a tshedile, yo o rekolotseng mowa wa me mo pitlaganong yotlhe, 30ruri jaaka ke go ikanetse ka Jehofa, Modimo wa Iseraele, ka re, ruri Solomone morwao o tlaa busa morago ga me, o tlaa dula mo setulong sa me sa bogosi mo boemong jwa me; ruri ke tlaa dira jalo gompieno.”
31Foo Bathešeba a inamisetsa sefatlhogo sa gagwe fa fatshe, a ikobela kgosi, a re: “A morena wa me kgosi Dafite a tshele ka bosakhutleng.”
32Kgosi Dafite a re: “Mpiletsang Satoke moperesiti, le Nathane moperofeti, le Benaia morwa Joiata.” Mme ba tla fa pele ga kgosi. 33Kgosi ya ba raya ya re: “Tsayang batlhanka ba morena wa lona, lo palamise Solomone morwaake mo mmoulong wa me, lo mo ise kwa Gihone; 34Satoke moperesiti le Nathane moperofeti ba mo tlotse gone, gore a nne kgosi ya Iseraele; lo letse lonaka lo re: ‘A Modimo a boloke kgosi Solomone.’ 35Foo lo tle lo mo setse morago, mme o tlaa tla a dula mo setulong sa me sa bogosi; gonne o tlaa nna kgosi mo boemong jwa me; ke mo tlhomile kgosana ya Iseraele le ya Juta.”
36Benaia morwa Joiata a fetola kgosi a re: “A go ne pula; a Jehofa Modimo wa kgosi morena wa me, le ene a a re jalo. 37Jaaka Jehofa a ne a ntse a na le kgosi morena wa me, a a nne fela jalo le Solomone, mme a dire setulo sa gagwe sa bogosi gore se nne segolo bogolo go setulo sa bogosi sa kgosi morena wa me.”
38Jalo Satoke moperesiti le Nathane moperofeti, le Benaia morwa Joiata, le Bakerethe, le Bapelethe, ba ya ba palamisa Solomone mo mmoulong wa kgosi Dafite ba mo isa kwa Gihone. 39Satoke moperesiti a ntsha lonaka lwa lookwane mo Mogopeng, a tlotsa Solomone. Ba letsa lonaka; mme batho botlhe ba re: “A Modimo o boloke kgosi Solomone!” 40Batho botlhe ba tla ba mo setse morago, mme batho ba letsa diphare, ba itumela ka boitumelo jo bogolo, lefatshe la ba la tla la rata go fatoga ka modumo wa bone.
41Atonija le balalediwi botlhe ba ba nang nae ba re ba wetsa go ja ba go utlwa. Ya re Joabe a utlwa modumo wa lonaka a re: “Ana modumo o ekete wa motse o le mo pheretlhegong ke wa eng?” 42Ya re a sa ntse a bua, bonang, Jonathane morwa Abiathare moperesiti a tla; mme Atonija a re: “Tsena; gonne o monna yo o molemo, o tla le mafoko a a molemo.”
43Jonathane a fetola a raya Atonija a re: “Ruri kgosi Dafite morena wa rona o dirile Solomone kgosi; 44kgosi e mo patile ka Satoke moperesiti le Nathane moperofeti, le Benaia morwa Joiata, le Bakerethe, le Bapelethe, ba mo palamisitse mo mmoulong wa kgosi; 45Satoke moperesiti, le Nathane moperofeti, ba mo tloditse mo Gihone gore a nne kgosi, ba tswa gone ba duduetsa, motse wa ba wa tlala modumo. Modumo oo ke one o lo o utlwileng. 46Solomone o bile o dutse mo setulong sa bogosi. 47Gape batlhanka ba kgosi ba tla go segofatsa kgosi Dafite morena wa rona, ba re: ‘A Modimo wa gago o dire leina la ga Solomone gore le gaise la gago, o bo o dire setulo sa gagwe sa bogosi gore se nne segolo bogolo go setulo sa gago sa bogosi;’ kgosi ya ba ya ikoba e le mo bolaong jwa yone. 48Gape kgosi ya bua jaana ya re: ‘A go bakwe Jehofa, Modimo wa Iseraele, yo o nneileng mongwe go dula mo setulong sa me sa bogosi gompieno, matlho a me a bile a go bona.’ ”
49Balalediwi botlhe ba ga Atonija ba boifa, ba nanoga, mongwe le mongwe a ikela tseleng ya gagwe. 50Atonija a boifa ka ntlha ya ga Solomone; a nanoga, a ya a tshwara dinaka tsa sebeso. 51Ga bolelelwa Solomone ga twe: “Bona, Atonija o boifa kgosi Solomone; gonne bona, o tshwere dinaka tsa sebeso, a re: ‘A kgosi Solomone a inkanele gompieno fa a se ketla a bolaya motlhanka wa gagwe ka tšhaka.’ ”
52Mme Solomone a re: “Fa a iponatsa e le motho yo o molemo ga go ketla go wela moriri ope wa gagwe fa fatshe; mme fa boikepo bo fitlhelwa mo go ene, o tlaa swa.” 53Jalo kgosi Solomone a roma batho, ba mo folosa kwa sebesong. Mme a tla a ikobela kgosi Solomone; mme Solomone a mo raya a re: “Ya kwa ntlong ya gago.”

Currently Selected:

1 DIKGOSI 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy